Breaking News

Dikonteraka di dira sentle

20 Jun 2017

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen a re o itumelela lenaneo la go rudisa itsholelo, segolo bogolo kwa Selebi Phikwe ka le ne la tshegetsa toropo eo le go tlhamela banni mebereko morago ga go tswalwa ga moepo wa BCL.

O ne a supa gore lephata la gagwe le itlamile go atolosa lenaneo la go rudisa itsholelo le dikhansele tsotlhe tsa Botswana gore ditiro tsotlhe tse di ka fa tlase ga lone di dirwe ka nako le madi a a dumalanweng.

Tona Van Der Westhuizen o buile jaana kwa kamogelong ditiro tse tlhano tse di fedileng kwa Mabothaphofu ka lenaneo la ESP tse di neng di filwe madi a a fetang P21 million mme go setse go dirisitswe P19 million mo ditirong tsotlhe. Go nnile le madi a a bolokeleseging a feta P1 million mo toropong ya Selebi Phikwe.

A re dikonteraka di ne di thapile babereki ba le 187 mme seo se tsamaisana le maikaelelo a bone e le lephatla a go tlhama mebereko le go fa beng ba dikonteraka dithata e le tsela nngwe ya go itsa madi go tswa ka lefatshe leno.

Rre Van Der Westhuizen o lebogetse khansele ya Selebi Phikwe go bo e berekile ka thata le dikonteraka go ntsha maduo a a nametsang ka ga ba a ka ba ba neela ditiro a bo ba ba phuaganya mme e bile khansele ya toropo e, e neetse dikonteraka di le tlhano ditiro mo go tsone tse tharo e le tsa banana.

O gakolotse beng ba dikonteraka go tsaya ditiro tse ba di neelwang ka tlhoafalo ka puso e sena maikaelelo a go letlelela ditro tsa seemo se se kwa tlase kana go phuaganngwa ga ditiro.

Mothusa tona o ne a supa fa legato la bobedi le setse le neetswe P19 million go simolodisa ditiro tse tlhano tse di setseng jaaka matlwana a borutelo a bana ba dikole tse dipotlana, matlwana a boitiketso le matlo a barutabana a le lesome le bobedi.

Mokwaledi wa khansele, Rre Godimo Garegope o supile fa ditiro tse di simolotse ngogolaa ka Moranang, ba dumalana gore di tsee ngwaga go fela mme seo se diragetse, mo go supang fa dikonteraka tsa Batswana di ititeile sehuba go nyeletsa magatwe a gore ditiro di a ba palela.

A re se se kgonagetse ka go bereka mmogo mme a solofetsa fa tse di setseng ba tlaa tswelela ba dirisana le beng badikonteraka tse di abetsweng ditiro a bo a kopa barutabana ba ba filweng matlo go a tlhokomela.

Mothusa mokwaledi kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Nchidzi Mbulawa a re lephata le tlaa aga matlo a borutelo a le 401, matlo a barutabana a le 486 mo dikoleng di le 108 mme mo ditirong tse go setse fela di le 28.

A re go fela ga ditiro tse ka nako le palo e e beilweng go supa dikonteraka di ntsha maduo mme seo se ka isa lefatshe le golo gongwe.

Mookameddi wa Black Ruby Contractors, Rre Keorapetse Manyaapelo yo e bileng e le monana a re o itumeletse gore tiro e a neng a e filwe e weditswe ka nako le madi a a dumalanweng mme seo se supa gore fa o le monana o ka kgona go tlhabolola lefatshe.

O ne a leboga khansele ya Selebi Phikwe go mo tshegetsa ka go berekisana le ene go simolola tiro go fitlhelea e fela mme a kgothatsa botlhe ba a neng a ba thapile go bereka ka natla le lorato gore ba wetse tiro ka nako. BOPA.

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Kamogelo ditiro tsa ESP

Date : 20 Jun 2017