Breaking News

Kopelang o itshetsa ka dijo tsa setso

20 Jun 2017

Mme Margret Kopelang ke mme yo o itshetsang ka kapei ya Setswana e gongwe bangwe ba sa boneng e ka nna kgwebo.

Mme Kopelang o tlhaloseditse BOPA, fa a sale a inaakantse le kgwebo e ka 2 000.

A re o thaile fela a hirirsetse caravan a apeela mo go yone mme ka nako eo o ne a sa tlhaole gore o apaya dijo dife.

Mogwebi yo, a re o ne a simolola a  apeela baagi, mme ya re morago a bona phatlha fa a ka apeelang teng go bapa le ntlo lehalahala ya Lady Khama Community ka 2002.

A re ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa phiriso di ne tsa mo koba mo lefelong leo mme go na le go ineela, a ikanya go apeela kwa lapeng.

“E rile ka  2010 ka simolola go apeela dijo tsa setso kwa lapeng ke di tsisa e le tsa motshegare fela mo maemelong a dithekisi,” ga bua Mme Kopelang.

Dingwe tsa dijo tse a di apayang ke lehata la mpswapswa le la korong, bogobe jwa lerotse, lephutshe le jwa lebelebele ga mmogo le morogo wa Setswana.

Mme Kopelang a re bontsi bo kgatlhegela dijo tsa gagwe fela thata, a supa fa bangwe ba tswa kwa mafelong a a kgakala go tla go reka e bile a seke a boela lwapeng ka dijo.

O supile fa mokgwa o a apayang dijo ka one e le one kgogedi mo bareking.

Mme Kopelang o supile fa a ise a bone thuso go tswa mo pusong mme se e le maiteko a gagwe fela ka ga a itebe diatla.

A re katlego ya gagwe ke ya tlhaloganyo ka a ise a e sekoleng sa kapei.

“Mo tirong e, ke thusiwa ke ba lwapa lwame ka gore ke bone bajaboswa,” Mme Kopelang a tlhalosa.

A re o itemogetse  mosola wa dijo tsa setso ka a di lema mme a rekise thobo, ka jalo dipoelo di nne botoka ka ditshenyegelo di le kwa tlase.

O supile fa nngwe ya dikgwetlho gantsi e le go tlhoka dingwe jaaka morogo kana marotse fa a  sena thobo.

O rotloetsa Batswana go itshimololela dikgwebong ka bonnye jo ba nang najo, e seng go inyatsa. BOPA

Source : BOPA

Author : Keneilwe Gagoiponwe

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 20 Jun 2017