Breaking News

Mogapi o tla a tlhabologa

20 Jun 2017

Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila a re motse wa Mogapi o tlaa nna le ditlhabolo tse di tlaa dirwang ka madi a a tlaa abelwang dikgaolo tsa botlhophi.

Rre Mzwinila o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Mogapi ka Mosupologo.

A re go tlaa atolosiwa ntlo ya borutelo ya maranyane kwa sekoleng se segolwane sa Sedimo, go alotolosiwe poso, go gokelwe metsi kwa mmarakeng gammogo le lebone la motlakase o o bogale kwa kgotleng go bo go  tlhabololwe matlo a le matlhano a komiti ya ditlhabololo tsa motse.  

Rre Mzwinila a re ba tsweletse ka go fetola mengwe melao kwa palamenteng jaaka wa go neela tona wa merero ya setshaba, boagedi le bong, dithata tsa go neela batswakwa boagedi go lebilwe mabaka a dikgwebo tse ba batlang go di dira gore di ka sologela banni molemo jang ka motho wa go nna jalo a tlaa bo a batla go beeletsa mo lefatsheng.

Rre Mzwinila a re pele, motho o ne a leta dingwaga di le some gore a bo a ka neelwa boagedi.

Mothusa kgosi wa Mogapi, Rre Ishmael Ditsele  a re letlhoko la mmaboipelego mo motseng le dira gore ditirelo tse di ka bong di le teng di tlhokege.

Rre Ditsele a re mmaboipelego yo o kileng a bo a le teng, o fudisitswe.

A re bana ba ba mo tlhokomelong ya ofisi ya boipelego ba na le lobaka ba sa bone dithuso, a tlhalosa fa bangwe ba bone ba ile kwa dikoleng kwa metseng e sele  mme ba tshwanetse go duelelwa boroko le go rekelwa dijo.

Mo go tse dingwe, Rre Ditsele o ne a tlhalosa fa Mogapi a ne a sena borukhutlhi ka nako e ba neng ba na le koloi e ba neng ba e dirisa le Sefophe, mme ya re e sena go tsewa, borukhuthi jwa gola.

Kgosi Ditsele a re letlhoko la koloi le dira gore mapodise a palelwe ke dikgang tsa borukhutlhi ka ba tsena thari kwa lefelong la tiragalo, bosupi  bo setse bo senyegile, ka jalo a kopa mopalamente go ba buelela gore ba thusiwe ka koloi.

O supile gape fa tanka e e nosang motse e le nnye mme se se dirwa ke gore motse o setse o godile a bo a kopa tanka e tona le go atolosiwa ga moalo wa metsi go siela malwapa a metsi a sa gorogeng kwa go one.

Mokhanselara wa Mogapi, Rre Tuelo Metseyabeng o kopile dikomiti tsa motse go tshwaragana le morafe, a re seo se ka dira gore motse wa bone o gatele pele ka ditlhabololo.

O ne a kopa ba ofisi ya banana kwa Bobonong go nna ba rerisa bagogi ba Mogapi gore ba kgone go baya banana mo dinakong ka mananeo a a ba amang. BOPA

Source : BOPA

Author : Gasebolwe Olesitse

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jun 2017