Mo-tlhoka pono o bona thuso
19 Jun 2017
Khamphani ya CA sales & Dafin Distribution e thusitse rre mongwe wa motlhoka-pono kwa Lotlhakane East ka go mo gokelela pompo ya metsi e e lopileng madi a a fetang P3 000.
Pompo eo e ne ya rolelwa Rre Tumelo Keabetswe semmuso ke mogolwane wa khamphani eo, Rre Job Aabobe ka mafelo a beke.
Rre Aabobe o tlhalositse fa badiri ba khampani eo ba dirile ditso, ka jaana e le la ntlha ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe mo dingwageng tse di fetang lesome, ba otlolola seatla ka boithaopo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme a ba akgolela tiro eo.
Rre Aabobe a re go botlhokwa go gopola batho ba ba sa kgoneng go itirela sepe, mme a tshepisa badiri bao fa a tlaa tswelela a ba ema nokeng go thusa setshaba fa go tlhokegang teng, a gatelela ka go re ke mowa o montle go lemoga motho yo o nang le botlhoki ka go mo tswa thuso.
A re kwantle ga badiri fela khamphane eo e tswa kgakala e thusa batho ba ba nang le botlhoki, e le go diragatsa lengwe la matshego a setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
E ne e rile go le pele mogolwane yo o lebaganeng le go bapatsa khamphani eo, Rre Marvin Mmolai a tlhalosa gore Rre Keabetswe o bone thuso eo ka ntlha ya mongwe wa badiri ba khamphani eo yo e leng moagisanyi wa gagwe ka go tlhaba mokgosi a bolela fa rre mongwe yo e leng mo-tlhoka pono a sokodisiwa ke letlhoko la metsi.
Rre Mmolai a re boikuelo joo bo ne jwa amogelesega, mme badiri ba simolola go ithaopa ka go ntsha mo kgetsing se ba nang naso gore ba kgone go gokela pompo ya metsi.
Rre Mmolai a re ba ne ba begela boeteledipele jwa khamphani ka maikaelelo a bone mme ba ba ema nokeng.
A re ke ka moo ba kgonneng go fitlhelela maikaelelo a bone.
Fa a amogela mpho eo, Rre Keabetswe o tlhalositse fa a itumetse.
A re letlhoko la metsi mo lapeng la gagwe e tlaa nna dikgang tsa maloba, le fa gone pompo eo e ne e ise e ntshe thothi.
Rre Keabetswe a re o ntse a sokodisiwa ke metsi a thusiwa fela ke baagisanyi kgotsa ka go beeletsa mo maribeleng fa pula e na.
Mme Bontle Seshabo yo e leng motshola madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lotlhakane East, o lebogetse mpho eo, mme a kopa badiri ba khamphani eo go tswelela fela jalo ka mowa wa kutlwelobotlhoko go thusa setshaba ka kakaretso, a gatelela ka go re go bo ba thusitse mo-tlhoka pono ke tiro e tona thata.
Mokhanselara wa Lotlhakane East, Rre Patrick Mosimanegape o tlhalositse gore motse wa Lotlhakane East o apesitswe ke letlhoko la metsi, selo se a reng se a mo tshosa gore gongwe pompo eo e tlaa fetoga letlotla mme maiteko a CA sales & Dafin Distribution a tloge a fetoge lefela. BOPA
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Jun 2017






