Breaking News

Basebi o bone botshelo mo tshugong

19 Jun 2017

Seane se se reng maano a botshelo ga a site, go sita a loso, ke seane se Rre Matlhomola Basebi wa masimo a Thune kwa Bobonong, a ikaegileng ka sone mo botshelong.

Se,  Rre Basebi o se dira ka go reka matlalo a dikgomo tse di bolawang mo dintshong le mo medirong go a suga a bo a dira dikgole.

Rre Basebi, yo o dingwaga di masome marataro, o tlhaloseditse BOPA fa go suga dikgole e le boitseanape jo Batswana ba neng ba ipela ka jone mme mo nakong ya gompieno bo nyelela ka bontsi jwa ba ba neng ba itse go suga dikgole ba sa tlhole ba le mo botshelong kgotsa ba latlhegetswe ke kgatlhego ya go dira jalo.

Rre Basebi a re dikgole tsa gagwe o di rekisa ka madi, dipodi, dikoko le tse dingwe.

A re o dira jaana gore bareki e seka ya nna ba ba nang le madi fela.

O boletse fa bontsi jwa batho ba ba rekang dikgole tsa gagwe e le ba ba nnang mo tikologong ya gagwe, mme ba di dirisa mo temong le mo diruiweng, segolo jang ba ba santseng ba tshela botshelo jwa Setswana.

A re bontsi jwa leruo la gagwe o le bone ka go rekisa dikgole e bile a a tle a rekise go itshetsa.

O tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le bareki e le e e kgatlhisang ka ba kgona go beeletsa dikgole di ise di dirwe e bile ba nna ba mo duela ntle le dikgogakgogano fa ba ne ba kolotile.

Rre Basebi o kgothaditse Batswana gore ba seka ba ikaega ka puso fa ba na le botlhoki, segolo jang ba ba nang le go ka itirela ka diatla.

A re go na le batho ba le bantsi jaaka ba-na-le bogole le bagodi ba ba tlhokang dithuso tsa puso go gaisa.

O boletse fa mowa wa go ipelega o o kileng wa bo o rena mo Batswaneng o tshwanetse go tsosolosiwa gore le mananeo a puso e a neelang batho go inamola lehuma a kgone go atlega. BOPA

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 19 Jun 2017