Ipelegeng lo thuse puso - Malefho
18 Jun 2017
Banni ba kgotla ya Mpaphadzi kwa Serowe ba rotloeditswe go ipelega ka se se ka thusa puso go isa ditlhabololo tsa lefatshe leno kwa pele.
Se se builwe ke Dr Kolaatamo Malefho kwa kgotleng ya Mpaphadzi fa a ne a rolela kgotla eo pompo bosheng.
Dr Malefho a re le fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana, go tlhokafala gore setshaba le sone se tsenye letsogo fa se kgonang teng.
O ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo o bone go tshwanela gore go tsenngwe pompo kwa kgotleng.
A re fa mekgatlho e mengwe e ka bo e ne e tshwere jaaka wa Marang, lefatshe le ka bo le tsweletse pele.
A re bonatla jwa mofuta o, bo tshwanetse go galalediwa.
A re letlhoko le teng mme fa batho ba na le tumelo tsotlhe di ka kgonega.
Motshwara madi wa mokgatlho, Rre Thatayaone Matjologwe a re ba ne ba bona go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng eo ka ba ba letleletse go dirisa diofisi tsa bone.
A re bagolo ba amogelela mo kgotleng eo e bile diphuthego tsa morafe di tshwarelwa foo, mme letlhoko la metsi le ne la iponagatsa.
“E ne e re fa go na le ditiro re bo re kopa metsi mo malwapeng, selo se se neng se tshwenya thata. Ra ema ka dinao go bona gore re baakanya seemo se,” Rre Matjologwe a tlhalosa.
Rre Matjologwe a re ba ne ba simololola ka go rekisa borotho, selo se se neng se sa dire madi go le kalo, ka jalo ba kokota mo malwapeng go kopa dithuso.
A re ba ne ba tsena kwa ga Dr Malefho yo o neng a utlwa selelo sa bone, mme a ba laela go tla ka tlhwatlhwa ya tsotlhe tse di tlhokegang.
Tiro yotlhe e ne e ya lopa P1 700, mme maCluster a ba thusa go epa mosele.
Modiri wa BONEPWA e bile e le molomaganyi wa mekgatlho, Mme Othugile Karantine o ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo ba itlamile go tokafatsa matshelo a setshaba.
A re le fa ba lebagane le go kgothatsa ba ba tshelang le ba ba amilweng ke mogare wa HIV le go thusa ba ba kgokgontshitsweng, mokgatlho o gape o lebelela letlhoko jaaka ba bone go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng.
Morafe o ne wa iteela tiro e legofi, bontsi e le bagodi ba ba amogelelang wa kgotleng eo. BOPA
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : Serowe
Event : Pulo ya pompo
Date : 18 Jun 2017






