Breaking News

Mogokgo o lela ka modumo

18 Jun 2017

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Letlhakane (LSSS), Rre Mathews Rakhudu o ngongoregile ka modumo o o kwa godimo o o tswang mo tikologong ya sekole seo.

Rre Rakhudu o ntshitse ngongora e fa a rolela mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe matshwenyego a bone mo phuthego ya babereki ba sekole bosheng.

O boletse fa modumo o o dirwa ke marekisetso a bojalwa ga mmogo le dikereke, mme a tlhalosa fa seemo se biha ka mafelo a beke.

Rre Rakhudu a re ba ikuetse kwa bogoging jwa motse le ba Bye Laws mme go se kgato epe e e tserweng.

O ne gape a re seemo se, se kgoreletsa dithuto tsa bana le babereki ga ba robale sentle ntateng ya modumo o.

Le fa go ntse jalo, Rre Rakhudu o tlhaloseditse mopalamente gore maduo a sekole a tokafetse ka se dikile se tsere maemo a bosupa mo dikoleng tsotlhe, fa mo kgaolong ya legare se gapile a bobedi.

A re le fa barutabana ba bereka ka natla go tokafatsa maduo, ba kgojwa marapo ke gore ga ba tlhatlosiwe maemo.

O ne gape a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dipalamo e e kwa godimo, a supa fa ba na le koloi e le nngwefela mo boemong jwa di le nne.

O bile a tlhalosa fa ba na le tlhaelo ya dibuka tse di balwang mme se se berekisa barutabana bokete ka e bile go na le tlhaelo ya bodiredi ka kakaretso.

A mangwe matshwenyego, Rre Rakhudu a re ke go sa duelweng sentle ga dikatso tsa barutabana fa ba berekile morago ga dinako tsa tiro.

O supile fa go na le ntlo ya matlhatlaganye ya borobalo jwa bana ba basimane e na le diphaposi di fera bobedi e le ngwe e tsenya bana ba le lesome le borataro, mme ntlo e e sa dirisiwe fa e sale ka 2010 ka lebaka la phatlalatso ya metsi e a reng ba lephata la DBES ba paletswe ke go e baakanya.

A re matlwana a borobalo a bana a tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng, segolobogolo matlwana a boitiketso le motlakase.

Mongwe wa barutabana, Mme Gosego Lenkobe o ne supa letshwenyego la go fudusiwa ga barutabana, a tlhalosa fa bangwe ba ne ba filwe dikwalo tsa gore ba fodusiwa mme morago ga fetolwa.

O boletse fa seemo se se tshwenya ka jaana bangwe ba na le lebaka ba le mo kgaolong.

Mme Lenkobe a re ba kopa gore phuduso e ya barutabana e nne ya lefatshe ka bophara, e seng jaaka go dirwa ba dikolosiwa mo kgaolong.

O ne gape a kopa gore phuduso e dirwe ka bofelo jwa ngwaga ka gore fa ngwaga o le fa gare e kgoretsa dithuto.

Modiri wa tsa motlakase, Rre Keleadile Tshokolo o ne a supa fa go na le tshwenyo e ntsi e e digwang ke bana ba sekole mo dilong tsa motlakase le metsi.

Rre Lelatisitswe o solofeditse fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng, mme a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fitile. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Phuthego

Date : 18 Jun 2017