Breaking News

Ba Bobonong ba baakanyetsa ditshupo

18 Jun 2017

Ditshupo tsa kgaolo ya Bobirwa tse di tlaa tshwarwang kwa Bobonong monongwaga go solofetswe fa e tlaa nna tsa maemo a a kwa godimo.

Fa a bua mo potsolotsong, mokwaledi wa ofisi ya ga mopalamente kwa Bobonong, Rre Monkemedi Dingalo o tlhalositse fa dipaakanyo tsa ditshupo tse di tlaa tshwarwang Phatwe a tlhola malatsi a le mararo go ya go a matlhano di tsweletse sentle.

Rre Dingalo a re bagwebi ba bojalwa ba tlaa lopiwa P150 fa ba dijo ba tlaa lopiwa P100.

A re disupiwa jaaka mabele di tlaa lopa P10, dikgomo P100 fa dipodi e tlaa nna P25.

O kopile balemi-barui go tsisa dijalo ga mmogo le leruo le le kgatlhisang e bile gape e le tsa boleng jo bo kwa godimo.

“Bobirwa ke nngwe ya dikgaolo tse di humileng mmu o o nonneng e bile o na le leruo le le ntsi,” Rre Dingalo a tlhalosa.

A re dikgwetlho di tshwana le bolwetse jwa tlhako le moloko ga se dingwe dilo tse di ka kgoreletsang kana tsa itsa kgaolo ya Bobirwa go gatela pele.

Le fa go ntse jalo, Rre Dingalo a re ditshupo tsa monongwaga di tlaa tsenwa ke bagwebi go tswa kwa ntle ga kgaolo ya Bobirwa.

A re ditshupo tseo gape ke tsela nngwe ya go rekisa kgaolo ya Bobirwa kwa mafelong a a kgakala, a tlatsa ka go re Bobirwa o na le meamuso e mentsi e e ka mo direlang madi. BOPA

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 18 Jun 2017