Breaking News

Temo e ka fetola matshelo a batho

18 Jun 2017

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Molalatau, Rre Wilwright Malema o kopile banana go nna le seabe mo temo-thuong.

Rre Malema o ntshitse kopo e ka letsatsi la go ipelela thobo ya monongwaga kwa Molalatau bosheng.

A re banana ba tshwanetse go ema ka dinao go ntsha dijo.

Balemi ba Molalatau ba ne ba dirile moletlo wa go ipelela letlhafula monongwaga go leboga thobo le dipula tse di namagadi.

Rre Malema a re balemi ka go farologana ba bone thobo e e nametsang.

O tlhalositse fa komiti ya bone e itebagantse le go ema balemi nokeng le go tshwaragana le balemisi gore balemi ba dirise methale e e tlhabologileng ya go ntsha dijo. Rre Malema a re ba itlamile go bereke ka thata gore ba ntshe dijo tse di lekaneng gore puso e fokotse dijo tse e di rekang kwa mafatsheng a mangwe.

A re tiro e nngwe ya komiti ke go batlela balemi mmaraka ka go ba lomaganya le lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board. O kopile balemi go ipopa ditlhopha le go lema dipeo tse di maleba gore ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang.

Rre Malema o ne gape a tlhalosetsa balemi ka lenaneo la go agelela masimo ka leaneno la ISPAAD, a supa gore fa balemi ba ikgobokantse go nna motlhofo gore masimo a bone a agelelwe.

Kgosi Letso Malema wa Molalatau, e bile e le leloko la Ntlo Ya Dikgosi a re ba dirile moletlo oo go lebogela Modimo go ba nesetse dipula tse di namagadi.

Kgosi Malema a re mo dingwageng tse dintsi kgaolo ya Bobirwa e ntse e bona dipula tse di boutsana mme balemi ba tswe ba iphotlhere mme a supa fa monongwaga dijo di nnile dintsi.

Kgosi wa pele wa Molalatau, Rre Solomon Pharithi ene o supile fa go ipelela thobo e le selo sa bogologolo, a supa fa modulasetilo wa komiti ya balemi a tswhanetse go etelela letsema pele fa le bolodiwa. BOPA

Source : BOPA

Author : Selelo Moshokgo

Location : Molalatau

Event : Ipelelo thobo

Date : 18 Jun 2017