Gakuto o a tlhabologa
18 Jun 2017
Kgosi Abdul Letlamma wa Gakuto a re o lebogela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe ga mmogo le mananeo a banana.
O buile jaana mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa mananeo a banana, bogolo jang a go rua dipodi a atlegile thata ka jaana banana bangwe ba simolotse go rekisetsa ba bangwe mme ba bone dipoelo.
A re motse wa gagwe le one o tsweletse ka go golela mo ditlhabololong ka jaana ba abela batho ditsha tse di segetsweng ruri.
Le fa go ntse jalo, gosi a re kabo ya ditsha e santse e saletse morago ka jaana ba santse ba baya batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2008.
Kgosi o senotse gore bothata bo bakilwe ke gore mong wa tshimo nngwe o ne a re ga a a duelwa mme peo ya emisiwa go santse go rarabololwa kgang eo.
Kgosi o tlhalositse fa kgang e e sa mo jese diwelang ka e ba diela ditlhabololo gonne ditlhabololo di tla mo motseng o o godileng.
O lebogile ba khamphani ya motlakase go bo ba weditse tiro e ba e simolotseng ngogola ya go atolosa motlakase mo motseng.
Kgosi o tsweletse a leboga khansele ka go gopa ditsela tse di mo motseng le go di nywaanywaa ka metsi go timola lerole.
Rre Letlamma a re ba santse ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mme ba solofela fa seemo se tlaa tokafala mo bogaufing ka ba kile ba nna le morero le Water Utilities.
A re ba santse ba dirisa mealo ya dipompo tse di ka fa tlase ga lefatshe, tse e neng e le tsa khansele tsa bogologolo.
A re ba belaela e le tsone tse di dirang gore ba nne le mathata a metsi.
O tsweletse a bolela fa Water Utilities e ba siela metsi ka dilori.
Rre Letlamma o lebogetse banni go bo ba itshwere sentle ka jaana borukutlhi bo santse bo le kwa tlase. BOPA
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : Gakuto
Event : Potsolotso
Date : 18 Jun 2017






