Breaking News

Bakhurutshe ba Tonota ba baakanyetsa moletlogadi

18 Jun 2017

Morafe wa Bakhurutshe ba Tonota o baakanyetsa go tlhongwa mo setilong ga ga Kgosi Bokamoso Radipitse, yo o tsereng bogosi mo ga rraagwe, Kgosi Ramosinyi Radipitse.

Morago ga go rola tiro ya bogosi ga ga Kgosi Radipitse, mojaboswa o tlaa bewa mo setilong Phatwe a tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi.

E ntse e le gone ka letsatsi leo, morafe o tlaa bo o laela rraagwe yo o saleng a busa go tswa ka 1985 go fitlhelela ngogola Moranang e fela jaaka a ne a tlogela ka bogodi.

Ka jalo, e ne ya re Mopitlo, morafe wa Bakhurutshi wa tlhopha lekoko le le tlaa baakanyetsang moletlogadi oo wa tsamaya sentle le peo ya kgosi.

Lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Rre Seroro Ramahobo, le simolotse tiro ka go rerisanya le dikgotlana le morafe go phutha tsotlhe tse di tlhokegang mo tirong e.

Mo godimo ga moo, dikomiti di le pedi tsa bana ba Tonota kwa Gaborone le tsone di tsweletse ka go dira mo di ka go kgonang go thusa.

Tsone ke komiti ya nakwana ya mopalamente wa Tonota,  Rre Thapelo Olopeng e e eteletsweng pele ke Rre Batlang Serema le mokgatlho wa Tonota Development Support Group o eteletsweng pele ke Rre Batsile Koontse.

Gape go na le dikomiti mo metseng e e dirang kgaolo ya Tonota jaaka Mandunyane, Mabesekwa, Serule, Jamataka, Makobo, Borolong, Chadibe, Semotswane, Leomboko, Gojwane, Fole le e mengwe e ntse e le ka maikaelelo a go rotloetsa mokete o.

Komiti kgolo e setse e kopane e bile e rerisitse ba-tsaya karolo ka go farologana e bile e tsweletse ka go kopa dithuso.

Dithuso e ka nna madi kgotsa dilwana mme di ka tsisiwa kwa letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse mo la nomore ya: 62126839466 kwa mabolokelong a First National Bank, Francistown kana ka sebele kwa diofising tsa kgotla e tona ya Tonota. BOPA

Source : BOPA

Author : Rudisang Maikano

Location : Tonota

Event : Potsolotso

Date : 18 Jun 2017