Modimo ke Botshabelo
15 Jun 2017
Moruti Motlhatlhedi Mooke wa kereke ya The Promise of God o gakolotse banni ba Mc Cathy’s Rust go ikanya le go tshepa Modimo ka nako tsotlhe.
Moruti Mooke o ne a abela banni ba Mc Cathy’s Rust dikobo, dijo le diaparo bosheng.
O ne a ba tlhalosetsa fa Baebele e bolela gore Modimo o na le batho ka nako tsotlhe gape ke monei, ka jalo le fa go le thata ba farafariliwe ke mathata ba seka ba itlhoboga mme ba tshabele kwa Modimong gonne ene o na le tharabololo ya mathata otlhe e bile ga go sepe se se mo palelang.
Godimo ga moo, Moruti Mooke a re go abela banni ba motse o ga se ka go rata ga gagwe le phutego, mme ke ka go rata ga Modimo, gape ke sekao sa gore Modimo o itse matlhoko a bone le thuso e e maleba.
Kereke ya The Promise of God e abetse banni ba Mc Cathy’s Rust dilwana tse di lopang P10 000, mme go ya ka Moruti Mooke ke paka ya bobedi ba etela motse o ba o abela mme e bile ba tlaa tswelela ba o abela ka keletso ya bone e le go bona matshelo a bone a tokafetse.
O ne a tlatsa ka go re go itumedisa Modimo fa batho ba abela ba ba mo letlhokong, a re go supa lorato lo Baebele e gatelelang gore o rate mong ka wena, mme a kopa dikereke tse di farologanyeng go tsaya boikarebelo jwa go thusa ba ba mo ditlalelong.
A re go ka rurifaletsa batho gore Modimo ke botshabelo.
Mokhanselara wa Tsabong botlhaba, Rre Lucky Lorekang o ne a lebogela kereke ya the Promise of God thuso ya bone mme a kopa banni gore ba kgaogane se ba se filweng e bile go neelwe ba ba tlhokang thata mme e bile go seka ga tsosa mafufa le ditshele tsa gore ba bangwe ga ba a bona sepe.
A re go dira jalo go ka senya kagiso le popagano ya motse mme go kgoreletse le gone go tlhabolola motse wa bone.
Rre Lorekang o ne a itsese banni gore jaaka e le morongwa wa bone o ba solofetsa fa a tlaa tswelela a ikopanya le dikereke, dikhamphani le maphata go kopa dithuso tsa go tlhabolola Mc Cathy’s Rust, mme a ba kopa gore ba nne pelotelele ka gore ga go kake ga tsaya letsatsi gore motse o benyabenye jaaka naledi.
Monni wa motse o, mme Martha Rietz o ne a akgola kereke ya The Promise of God ka maiteko a bone a go ba abela.
A re ba tlaa akola bothitho mo serameng se sa Kgalagadi Borwa se se shenneng meno. Godimo ga moo, o ne a kaya fa kereke e butse dikgoro tsa gore motse wa bone o abelwe ka e supeditse ba bangwe sekai. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : Mc Cathy’s Rust
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Jun 2017






