Breaking News

Madi a ditlhabololo a amogetswe

15 Jun 2017

Kgosi Motlatsi Kediseng wa lekgotla la Setswana la Tatitown mo Francistown a re o lebogela go menagane tshwetso ya go tlhabolola kgaolwana nngwe le nngwe ya botlhophi ka P10 million ngwaga le ngwaga.

Kgosi o dirile tebogo eo fa a buisana le BOPA, a supa fa mogopolo o o kile wa bo o le mo tirisong mme wa seegelwa fa thoko ka ntata ya letlhoko la madi.

A re jaanong o nona pelo ka mathe go bo puso e tsosolositse mogopolo oo mme gape e le tsela nngwe e ka yone puso e supang fa e kgathala ka matshelo a tshaba ya yone gammogo le go tsweledisa mosepele wa merero ya ditlhabololo tsa lefatshe.

Gape a re go dira ditlhabololo tsa go nna jalo mo dikgaolwaneng go tlaa thusa thata go tswakanya itsholelo ya lefatshe ka jaana go tlaa dira gore diphatlha tsa mebereko di bulege, mme ka jalo Batswana ba kgone go ora wa mariga.

“Madi a a tlaa thusa go tsweledisa dingwe tsa ditlhabololo tsa dikgaolo tse di neng di saletse kwa morago mme e bile gape se se thuse go tlhamela Batswana ditir,” a tlhalosa.

O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa mo kgaolong ya Francistown Bophirima ba dumelane gore nngwe ya ditiro tsa madio e nne go shafatsa kago ya leobo la kgotla ya morafe mo Tatitown.

Kgosi Kediseng o supile gape fa kgaolwana e ya botlhophi e na le dikgaolwana di fera bongwe, mme ba nnile seoposengwe e le boeteledipele gore ba tlaa tsaya seabe se se lekanang botlhe.

Kgosi o bile a kopa gore botlhe ba ba rweleng boikarabelo jwa tiriso ya madi a a dikgaolwana ba a dirise ka fa topong ya morafe.

A re ga a eletse gore go tsoge mekubukubu mabapi le madi a, a tlhalosa fa go dirisa madi ao ka fa tshwanelong e tla bo e le sekao sa gore boeteledipele jwa one mo kgaolong e tlaa bo e le jo bo maleba, bo tshephafala e bile bo na le boikarabelo.

O bile a kgothatsa ba ba tlaa nnang le lesego go ka abelwa go dira ditiro tse di tlaa dirwang ka madi a go nna jalo go di dira ka kelelelo, botswapelo, manontlhotlho le ka matsetseleko a a rileng gore ditiro tseo di nne tsa boleng jo bo kwa godimo.

Kgosi o ne a tlatsa ka go re go dira ditiro tsa puso ka manontlhotlho le bonatla e tlaa bb e le go ipapatsa mo pusong gore e nne le tshepho mo go bone gore e nne e ba thapa go ya pele mo ditirong tse dingwe tsa puso.

O ne a tlatsa ka go re ditiro tse di dirwe ka mo go tshwanetseng, go tlhokega gore boeteledipele jwa dikgaolo bo akaretsa dikgosi, makhanselara, mapalamente le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ba nne le therisanyo le morero ka dinako tsotlhe.

A re boeteledipele joo bo nne bo baya leitlho mo ditirong tse go netefatsa gore di dirwa sentle le ka nako e e dumalanweng.

Gape a re go sa dira ditiro tsa puso ka fa tshwanelong le ka nako ke go busetsa puso kwa morago ka jaana gangwe le gape go a tle go diragale gore go dirisiwe madimadi go wetsa ditiro tse di sa diragadiwang sentle ka nako. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 15 Jun 2017