Leruo le simolotse go utswiwa bosigo mo masakeng
15 Jun 2017
Mothusa mookaela mapodisi a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo le le tsewang mo masakeng bosigo, jo a reng ga bo a tlwaelesega mo kagolong.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Assistant Superintendent Ikobeng a re magodu a simolotse mokgwa wa go tsenelela leruo mo masakeng bosigo go robetswe ba bo ba le olela mo dikoloing.
O ne a kaya fa bo setse bo tsaya phekelo e sele ka jaana magodu ao a kgona go olela lesaka lotlhe mo barui ba salang fela ba itshopere.
A re gantsi ba utswa dihutshane.
Mothusa mookamela mapodisi a re ba lemogile gore magodu a go nna jalo gantsi ba tsenelela masaka a a agwang kgakalanyana le matlo a borobalo, a re leruo le go senang dintsa tse di disang ke lone gantsi le utswiwang.
A re le fa ba leka bojotlhe go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo sa ba robatseng mo kgaolong, ba tshwenngwa ke bangongoregi ba ba tshololang dikgang tsa go nna jalo.
A re seo se a ba tshwenya ka se ka ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tlhasetseng lefatshe ka bophara.
A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba tsholole kgang.
A re bangongregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba supe fa ba itshwarelanye.
O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modira molato a tswelele ka molato oo, a supa fa bangwe ba tswa ka methale e mesha gore ba seka ba tshwarwa.
O ne a kopa barui go bereka le mapodisi mo ntweng kgatlhanong le bogodu jwa leruo.
A re go tsholola dikgang e gakatsa bogodu ka gore ope yo o dirang molato a bo a sa otlhaiwe go se motlhofo gore a latlhe mokgwa oo wa gagwe.
O tlhalosa gore gantsi batho ba ba otlhaiwang kana ba tsena mo kgolegelong ba latlha mekgawa ya bone mme ba nne batho ba basha.
O gakolotse barui go aga masaka a bone gaufi le matlo a ba robalang mo go one gore fa magodu a tsena mo masakeng ba kgone go lemoga ka bonako.
A re dintsa tse di ruelwang mo dipoding le tsone di botlhokwa ka di ka kganela magodu kana tsa lemotsha morui fa di tlhasetswe ke magodu ka go bogola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : SEHITHWA
Event : Potsolotso
Date : 15 Jun 2017






