Breaking News

Leburu a re go tsofala yo o ratang

15 Jun 2017

Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela.

E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala.

“Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake yo e leng morekisi wa tlhwatlhwa wa morogo kwa Maun.

Go le pele ke ne ke dirisa dithupana tse go jesa dipudi kana ke efa bafeti ka tsela, mme pheletsong ka lemoga fa di le botlhokwa e bile nka dira seshabo ka tsone,” Mme Leuru a latlhela.

E rile a lemoga fa dithupana tse tsa morogo di ka mo tswa mosola e bile di ka fokotsa theko ya nama mo lapeng, mme Leburu a simolola go segelela, go anega le go ipolokela dithupana tsa morogo ka 2016.

O kaile fa se, se sa tlwaelesega ka bontsi bo nna bo latlha dithupana tse ba sa itse mosola wa tsone.

O tlhalosa gore botlhale jo, bo ne jwa mo inola mo lehumeng ka e bile ga a di direle go ja fela, o kgona go rekisa morogo wa tsone mo motseng.

O supile fa a rekisa kopi P5 mme e bile batho mo Sehithwa ba o itumelela e bile ba o rata.

Mme Leburu o kaile gore dithupana tse tsa morogo wa rape fa di sena go oma, o tlhadia morogo wa tsone go ka nna ga raro, a bo a o apaya ka setokana sa nama go fitlhelela o butswa a bo a tshela mafura le letswai a bo a dira loswao.

O supile fa seshabo se, tatso ya sone e le monate.

Leswana le letona o le rekisa P5 mme o kaile fa bareki ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa go apaya borotho jwa magala gore ba shabele ka morogo.

Mme Leburu o tlhalositse fa mo medirong jaaka manyalo, a phutha matlhare a cabbage mme a o segelele a bo a omisa gore a kgone go o apaya mo nakong e e tlang.

O kaile fa se e le tsela nngwe ya go boloka.

Mme Leburu o rotloeditse bangwe ka ene gore ba se ka ba itsapela go itirela mo botshelo.

Gangwe le gape, o kopile goromente go sekegela bagodi segolo bogolo batlhoki tsebe, ka go ba fa maneneo a a maleba a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segolame Seidisa

Location : SEHITHWA

Event : Potsolotso

Date : 15 Jun 2017