Marapalalalo WDC e phatlaladitswe
15 Jun 2017
Morago ga gore go nne le dikgang tsa go tlhoka botsogo ga komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Marapalalo kwa Kanye mo dikgweding tse di fetileng, banni ba ne ba tsaya tshwetso ya go phatlalatsa komiti eo beke e e fetileng.
Fa ba akgela mo phuthegong ya kgotla bosheng, banni ba boletse fa komiti eo e ne ya fiwa sebaka sa go ikaga mme e paletswe ke go dira jalo.
Mongwe wa banni, Mme Olebile Kooitse a re go ya ka pego e ba neng ba e fiwa ke komiti, go ne go supagala fa ba paletswe ke go rarabolola dikgwetlho tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego wa khansele potlana ya kanye, Rre Tiroyaone Rampe a re ba ne ba itemogela fa komiti eo e sa tsoga morago ga go buisana le maloko a yone.
“E ne ya re kgwedi e e fetileng ra kopana le komiti eo go tla go buisana ka mathata a ba nang le one mme ba ne ba tlhalosa fa e le boammaruri ba sa tsoga,” a tlhalosa.
A re se ba se boneng fa ba ba lekola ke gore go na le mowa wa sepolotiki se se felelang se tsala makgamu e bile bangwe ba tsaya ditshwetso ntle le kitso ya maloko a mangwe, go adimisana madi a setshaba le go hira batho ba le bangwefela mo Ipelegeng.
Rre Rampe o tlhalositse fa mo kgannyeng ya Ipelegeng, go supagetse fa go ne go kwadilwe maina a batho go supafala fa ba theogela mme go sa nna jalo.
“Go ya ka ditlhomamiso tsa rona, re bone dipalo tsa batho ba le lesome le bobedi ba ba amegang mo kgannyeng e mme mo palong eo, ba le bane, ke maloko a WDC,” a tlhalosa, a tlatsa ka go re dikgang tseo di diragetse ngogola ka Firikgong le ngwaga eno ka Tlhakole le Mopitlo.
O tlhalositse fa pele ga komiti eo e simolola tiro ka 2015, ba ne ba rutuntshiwa malatsi a le mararo gore ba itshware jang le gore ba itse tse ba tshwanetseng go di dira le tse di sa tshwanelang mme go supagetse fa dithuto tseo di sa ba tswela mosola.
Rre Rampe o boletse fa dikgang tse di santse di tlhotlhomisiwa ke mapodisi, a tlatsa ka go re ba ba tlaa bonwang molato ba tlaa tseelwa dikgato.
Go solofetswe gore komiti e ntsha e tlhophiwe mo bogautshwaning.
Fa a leboga, mokhanselara wa kgaolo, Rre Kabelo Lemme o boletse a ne a kile a gakolola komiti go ikgapha mo go tsa sepolotiki mme ba tlhoka go mo reetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 Jun 2017






