Dipaakanyo tsa ditshupo di tsweletse
15 Jun 2017
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo kwa Molepolole, Rre Sam Mapitse o kgothaditse maloko a komiti go bona gore ditshupo tsa monongwaga e nna tsa boleng jo bo kgatlhisang.
Rre Mapitse yo o neng a bua kwa phuthegong ya go baakanyetsa ditshupo tsa Molepolole, a re o lebogela go bo banana le bagolo ba Mokwena ba tsere karolo mo paakanyetsong ditshupo tsa monongwaga.
Ditshupo tseo di tlaa simolola kgwedi e e tlang ya Phukwi e le masome mabedi le bosupa go fitlhelela e le masome mararo.
A re megopolo ya bone e supa fa ditshupo tsa Molepolole di tsile go nna tsa boleng jo bo kwa godimo le go ngoka batho ba le bantsi, bogolo jang balemi le baruakgomo ka jaana thobo le phulo di nnile tse dikgatlhisang morago ga dipula tsa monongwaga.
Ka Setswana se re dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe, bangwe ba komiti eo mo go bone go le Rre Manthe Modiri ba ne ba etetse modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa Serowe, Rre Keletso Rakhudu go ya go tsaya malebela ka ditshupo tsa bone di le fa godingwana.
A re se ba se amuleng mo loetong la bone sa go tokafatsa seemo sa ditshupo ke gore boleng jwa ditshupo bo tshwanetse jwa simologa mo go ba ba di rulaganyetsang, a re seo se ka dira gore go nne le kgogedi kana tshologelo e e kwa godimo ya batho ka matlhagatlhaga a a tswang mo go bone ele komiti.
Rre Manthe a re se sengwe se ba se itemogetseng ke gore morafe o itsamaisetse ditshupo kana di tsene ka botlalo mo diatleng tsa balemi le baruakgomo le batsaya karolo ba bangwe e seng go ikaega ka puso ka dinako tsotlhe.
A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore ditshupo ke letsatsi la go amogana dithuto le go tsaya maele mo balemi-baruing ba tlhwatlhwa gammogo le go ipapatsa gore ba ba santseng ba gola ba rokodiwe ke tse di supiwang ke balemi.
Mo go tse dingwe, Rre Manthe a re ba kgonne go ikopnya le banana ba Molepolole ba ba supileng kgatlhego mo go tseeng karolo mo go rulaganyetseng ditshupo tseo ba bo ba tsena mo dikomiting tse di farologanyeng.
A re e le komiti ga ba a phutha motsogo mme ba ikaelela go tsenya madi mo letloleng la bone jaaka fa e tlaa re kgwedi eno e ya fifing go nne le moletlo wa selalelo.
A re ba ikaelela go laletsa mongwe wa bagolo ba lefatshe leno go nna sebui sa tlotla ka tsholofelo ya go tsholetsa serudumo sa ditshupo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 15 Jun 2017






