Breaking News

Go diragatsa melawana ya thuo go ka busetsa

14 Jun 2017

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae a re barua-kgomo ba tshwanetse go dira tse mafatshe a Yuropa a se tlhokang gore dikgomo tsa bone di ba busetse.

O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, a re itsholelo ya kgaolo e e ikaegile thata ka thuo ya dikgomo.

A re o lemogile fa Batswana ba sena kitso ka ditlhwatlhwa tse BMC e rekang dikgomo mo go bone ka yone.

A re ditlhwatlhwa tsa BMC di a farologana go lebeletswe gore nama ya teng e ya go rekisiwa kae.

A re ditlhwatlhwa tsa nama  e e rekisiwang kwa mafetseng a a kwa ntle, segolo jang a Yuropa (EU) di kwa godimo fa di tshwantshanngwa le tsa nama e e rekisiwang fela mo Botswana.

O kopile banni go dira tse di tlhokwang ke lekgotla la mafatshe a Yuropa gore ba tle ba kgone ba bone dipoelo mo dikgomong tsa bone ka nako ya thekiso.

A re Batswana ba na le tumelo ya gore lekgotla le le reka dikgomo tse di tswang mo dipolasing tse di terateletsweng mme se e se boamaruri.

A re mo malatsing ano go a kgonegaa gore le dikgomo tsa mafulo a a kopanetsweng kana a a sa agelelwang nama ya tsone e ka goroga kwa mmarakeng wa mafatshe a Yuropa fa morui a dirile se se tlhokwang ke lekgotla leo.

Mopalamente Salakae a re go tlhokega gore morui o ka kwadisa lesaka la gagwe kana sediba, dikgomo tsa gagwe tsotlhe di bo di na le manyena a bo omang le gore a nne ka dinako tse tsotlhe di beile dibuka tsa gore o tlhokomela jang leruo.

O tlhalositse fa se se le botlhokwa ka bareki ba mafatshe a sele ba rata go dira ditlhotlhomiso ka se ba se rekang fa e le leruo e le go bona gore lo jesiwa ka tsela e e ntseng jang le gore le kentwa ka melemo efe.

A re go supagetse fa bareki ba mafatshe a sele ba kgatlhegela nama ya leruo le le jang bojang jwa tlholego fa go bapisiwa le tse di jesiwang dijo tse di itiretsweng.

O rotloditse barui ba ba kgonneng go kwadisa meraka go thusa bangwe ka bone ka kitso gore le bone ba kgone go kwadisa meraka.

E rile ba ntsha la bone, banni ba Ghanzi ba supa fa ba itumeletse go bo mopalamente a tsweletse go nna a ba lekola le go tsaya megopolo mo go bone, ba re ba itumelela thuto ka kgomo ka e le yone e ba ikaegileng ka yone mo kgaolong e bile ba na le tsholofelo e ntsi gore e ka ba tshetsa.

Rre Dipugiso Bokadi a re mo kgaolong ya Ghanzi ba sokodisiwa ke theko ya malengana le gone go a tsenya mo mafaratlhatlheng ka se se imela bodiredi.

Rre Bokadi o kopile mopalamente go kopana le bogogi jwa kgaolo go buisana ka go bula ofisi e ngwe ya leruo kwa kgaolong potlana ya Charleshill go fokotsa mosuke mo Ghanzi le go fokoletsa batho ba ba tswang kwa kgaolong eo mosepele.

Rre Monyatse Mbish ene a supile fa e sale ba tswa bogologolong ba kopa puso gore e agelele tsela e e ralalang kgaolo e tswa kwa molelwaneng wa Mamuno ka dikoloi di thula dikgomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lemogang Madumane

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Jun 2017