Breaking News

Kgosi a lebogela dithuto tsa bananyana

14 Jun 2017

Kgosi wa Mmatshumo mo kgaolong potlana ya Boteti, Kgosi Keletshwaretse Phetsogang a re o lebogela lenaneo la dithuto tsa bananyana le a reng le tsweletse sentle.

Kgosi Phetsogang o buile jalo kwa phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.

Kgosi Phetsogang a re nako e ile e dikole tsa bananyana di neng tsenwa fela ke bana ba batho ba ba nang le madi.

Kgosi o ne gape a lebogela lenaneo la temo la ISPAAD le a reng le ba thusa mo temong mme a re sebe sa phiri ke diji.

O tlhalositse fa ba sa bona thobo e ba neng ba e solofetse ka lebaka la tshenyo e e dirilweng ke dinonyane, a tlatsa ka go re balemisi ba nnile maoto a tshupa go tsibogela seemo.

Kgosi Phetsogang a re tsela e e tswang Mmatshumo e ya Letlhakane e sekgwa a kopa gore  e dirwe ka lenaneo la Ipelegeng ka gore e diphatsha mo matshelong ka jaana e tletse diphologolo.

O ne gape a ngongoregela go bo mabelo a difofane a Race For Rhinos a fodusitswe  kwa kgaolong ya bone mme ba sa rerisiwa.

E rile fa a rolela mopalamente pego ya bone, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Otsile Gaboeletswe a tlhalosa fa ba kgonne go teratelela dijarata tsa VDC di le pedi  le go gokela matlo mangwe motlakase.

Rre Gaboeletswe o supile letshwenyego ka metsi a a letswai a a reng ga a a siamela botsogo jwa batho, bogolo jang ba malwetse a madi a matona, sukiri.

A re bangwe ba bone ba tsaya metsi a ba anwang kwa Letlhakane.

Rre Gaboeletswe o ne gape a re ba na le mathata a dipompo tsa mekgwatha tse di sa berekeng mo go dirang gore batho ba felele ba anwa metsi a a sa babalesegang a didiba.

O ne a kopa gore go phatlaladiwe metsi kwa ditsheng tse disha go bewa.

O ne a supa gape fa go na le tlhaelo ya dibuka le dijo kwa sekoleng se sebotlana.

O ne gape a re sekole sa bone se onetse, ka jalo  ba batla gore se baakangwe, a supa fa ba na le tlhaelo ya boroko jwa baoki le mapodisi le dikoloi.

Mopalamente Sethomo Lelatisitswe o ne a supa fa a tlaa sala morago matshwenyego a bone.

O bile a akgola VDC go bo e dira sentle go ya ka pego ya yone.

Rre Lelatisitswe o ne a ba rolela melao paakanyo e le mene e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fitileng; ya tsa mesepele, boagedi lefatshe le wa go tlogela tiro ga bo Tautona.

O ne gape a tlhalosa fa meraka ya Makgaba e tlhomamisitswe go nna motse.

Rre Moipontshi Pifelo o supile  letshwenyego la batho ba meraka ya Thabatshukudu ya gore ga ba itse gore totatota ba tsaya ditlamelo kae fa e le Mmatshumo le Nata ka gore ba ba isa kwa le kwa.

Rre Pifelo a re kgang e dira gore ba bone ditlamelo ka tshokolo le ditshenyegelo tse di ko godimo.

E rile fa a leboga Mokhanselara wa Mmatshumo  yo gape e leng mothusi modulasitilo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Goabaone Bolesitswe a supa fa ba dumelane kwa khanseleng gore tsela  ya Mmatshu/Letlhakane e tlaa dirwa ka lenaneo la Ipelegeng  le bangwe ba ba tlaa thapiwang ka nakwana ke ba lephata la ditsela.

Mokhanselara o supile fa a tshwengwa ke go ima ga bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase a re o buile le ba boipelego le ba botsogo gore fa bona seemo seo ba bege dikgang tsa teng gore badira melato ba tseelwe dikgato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MMATSHUMO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 14 Jun 2017