Breaking News

JAB e nonotsha baithuti

14 Jun 2017

E re ka puso e dira ka natla go godisa dikgwebo tsa banana, lekalana la Junior Achievement Botswana le godisa kitso ya baithuti ba dikole tse dipotlana le tse dikgolwane mo go ba nonotsheng le go ba fa botsipa ka tsa go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla ba sale kwa dikolong ka go dira dikgaisanyo tsa dikgaolo go fitlha ka tse di akaretsang lefatse lotlhe.

Mo potsolosong le BOPA, mogolwane mo ofising ya JAB, Mme Banyana Mannaesi o buile fa JAB e na le tshwaragano le lephata la thuto ya motheo go tsenelela dikgaisanyo tsa go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla ba sale ba botlana.

Mme Mannaesi o tlhalosa fa JAB e itebagantse le baithuti mme ba thusiwa ke barutabana ka boithaopo go ba rotloetsa go tsenelela moletlo wa go tla go supa dikgwebo le dilo tse ba di direng ka diatla tse ba di agileng go tswa kwa tshimologong.

O bua fa bana ba ntlhakgolo ya bone e ba itebagantseng le yone e le mo kitsong ya go tsamaisa dikgwebo ka tshimologo ya moeteledi pele go fitlha kwa badiring le ba bangwe ba ba welang ka fa tlase ga dikomponi.

A re ofisi ya bone e eletsa gore dikole tsotlhe mo Botswana di tsenelele JAB gore baithuti botlhe ba nne le lesedi la go tsamaisa dikgwebo le go itirela ka diatla jaaka dikgaisanyo di ba letla gore ba dire di pampiri tse di supang ka fa kgwebo e tlaa bong e tsamaya ka teng (business plan).

O gatelela gape gore go ba suga gore fa ba fetsa sekole ba fetela kwa dikoleng tse dikgolwane jaaka mmadikole ba bo ba na le lesedi gore ba batla go dira ditiro dife tsa diatla tse di ka ba tswelang mosola.

A re seo se ka dira gore go nne motlhofo mo go bone fa ba setse ba kopa madi a lephata la banana, CEDA le Gender Affairs ba sena go fetsa sekole.

O ne a  tlhalosa fa dikgaisanyo tsa JAB di le botlhokwa ka di kopanya baithuti ka bobone go itsane ka go amogana dikitso tsa go itirela le go buisana ka tsa kgwebo jaaka ka fa ba rekisang ditiro tsa bone mo Botswana le kwa mafatshe a sele ka teng.

A re morago ga dikgaisanyo tsa Botswana go nna le dikgaisanyo tsa Junior Achievement Africa, jaaka ba kile ba isa ba bangwe kwa mafatsheng a sele mme ba tla ba gaisitse ba bangwe.

A re seo se supa gore JAB e ntsha dialogane tse di tsogang di direla Botswana go godisa itsholelo ya lefatshe.

O ne a bua gape fa JAB e suga baithuti go ka ipaakanyetsa go berekela dikhamphani ka ba abo ba itse ditsamaiso tsa go direla dikgwebo.

Mme Mannaesi a re JAB ga e felele fela mo dikgaisanyong le baithuti, fa ba sena go ba ruta botsipa jwa kgwebo ba tswelela le bone go bona gore ba nna le dikgwebo tsa bone, a supa fa bangwe ba na le botsipa jwa go berekela mo diofising le go dira ka diatla.

A re maduo a lekalana la JAB a a bonala ka bangwe ba bana ba ba tseneletseng thuto dikitso, ba galalediwa ke bahiri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2017