Breaking News

Letlhoko la kgosi le kokonela Tsetseng

14 Jun 2017

Letlhoko la kgosi kwa Tsetseng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tlhalosiwa fa le babaletse banni ka jaana le emisitse ditirelo dingwe tsa botlhokwa.

Motse oo o setse o sena kgosi morago ga go latlhela ga ga Kgosi Matausu Gaothusi ngogola ka ntlha ya bogodi.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosana wa kgotla ya Molehele, Rre Kebabaletswe Katlholo o ne a supa fa ditirelo tse di tshwanang le go sekisa di amegile mme jaanong ditsheko di setse di le mokowa.

O supile gape fa jaanong bone e le dikgosana ba setse ba tlamega go saena ditlankana tsa manyalo ntateng ya letlhoko la kgosi, selo se a kaileng se sa siama ka maemo a bone a sa ba letle go dira ditiro tseo tse di lebaneng kgosi ka ba kgona go felela ba tsene mo mathateng.

Moemela kgosi wa Bakwena mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Itsoseng Gaoonwe o ne a tlhalosa fa go bewa ga kgosi wa Tsetseng go le mo diatleng tsa morafe.

O ne a tlhalosa fa morafe o santse o gogagona ka gore ke mang yo o tshwanetseng go tlhatlhama Kgosi Gaothusi, mme a supa fa a santse a eme ka bone go mo fa leina go le fetisetsa kwa go Kgosi Kgari III jaaka e le tsamaiso.

Mo go tse dingwe, Rre Katlholo o supile fa motse wa bone o saletse morago fa o tshwantshanngwa le e mengwe ya selebego sa one fa go tla mo ditlhabololong jaaka letlhoko la motlakase o a reng ga ba bolo go lela ka one mme go se nko e tswang lemina.

A re letlhoko la motlakase le folodisa go gola ga dikgwebo, e bile go tshabisa bagwebi ba basha go tla go dira dikgwebo koo.

Rre Kgatlholo a re se se feletsa se ama tlhamo ya mebereko mo motseng wa bone mme se se dire gore banana ba felele ba gobeya le motse ba tlhoka fa ba tsenyang diatla teng.

A re se se dira gore banana ba felele ba raelesega go dira borukutlhi.

Rre Katlholo o ne gape a itela ka letlhoko la mokenti, a re fa go tla mo dinakong tsa go rekisa leruo ga go na yo o ba fang teseletso ya go tlodisetsa dikgomo kwa mmarakeng kwa motseng wa Kang o o leng mo kgaolong ya Kgalagadi ntswa e le o ne o gaufi le bone.

 A re letlhoko la mokenti gape le sokodisa barui ka jaana ba sena yo o ba thusang ka melemo.

E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Action Maphale a supa fa letlhoko la mokgweetsi wa koloi ya kokelwana le baya balwetsi ka fa mosing ka ba patelesega go adima bakgweetsi ba maphata a mangwe kana ba dirisa dikoloi tsa bone.

O ne gape a tlhalosa fa mo mading a a neng a abelwa dikgaolo ba ne ba ikgethela go dira motse wa setso  o o ka rutang bana le bajanala ka ditso le dilo tse di neng di diragala bogologolo, mme a kaya fa jaanong ba le  gare ga naka tsa nare ka ba sa itse gore madi a, a ya go tswa leng ka go sena yo o ba fang tlhaloso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 14 Jun 2017