Se gatakeng ditshwanelo tsa setho
14 Jun 2017
Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun o rotloeditse morafe go tlotla ditshwanelo tsa setho.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa batho bangwe mo sechabeng ba ba gatakang ditshwanelo tsa setho ka go ba tsola diaparo, le go ba keteka e le tsela ya go supa fa ba sa rate se bangwe ka bone ba se dirang kana se ba leng sone.
O kgadile kgatako ya ditshwanelo tsa setho e mo go yone a neng a fa sekai ka mme mongwe o nneng a tsolwa diaparo kwa mapalamelong a dibese le badira melato bangwe ba ba tshwarwang ba leka go ikadima kana ba ikadimile dithoto tsa batho kwa marekisetsong mme ba felele ba ketikilwe le go tsolwa diaparo ke setshaba pele ga ba sepodise ba goroga.
O tlhalositse fa go itseela molao mo diatleng ka go tsola batho, go ba betsa, le go ba kgoba ka mafoko e le tsela ya go ba sotlaka go felelela go beile matshelo a bone mo diphatseng.
“Fa legodu le ka tshwarwa mo marekisetsong, batho ba tla ba tabogile ka maikaelelo a go batla go le keteka mme go ne go ka nna molemo fa ba ka tshwara mmelaelwa ba mo neela ba molao kwa a tlaa atlholwang teng go na le go mo apola le go mmetsa,” ga bua kgosi Bampusi.
Kgosi o supa fa go gataka ditshwanelo tsa setho ka mokgwa o wa go apola le go keteka go na le ditlamorago tse di botlhoko mo mmelaelweng ka seo se tsisa maikutlo a a wetseng tlase ka go bo a tsotswe ditswalo batho ba mmonetse.
“Motho o kgona go felela a ikgapetse botshelo ntateng ya gore o a bo a sa tlhole a ipona a na le boleng le mosola wa go ka tshela mo setshabeng fa a sa bone bogakolodi, mme ba ba mo sotlakileng jalo go sa ba ame ka tsela epe e bile ba lebale ka tiragalo eo, kana modirwa ga a lebale, go lebala modiri”, ga bua kgosi.
Kgosi Bampusi o supile fa mokgwa o wa go betsa, go apola le go sotlaka batho mo mebileng o kgona go baka dintsho, makoa le dikgobalo tse di masisi kana bogole, selo se se felelang se tlama puso go tlhokomela batho ba mofuta oo.
A re ba-tswa setlhabelo ba ka felela a tshelela mo letshogong mme ba nne ba iphithile ba tshaba go tsamaya mo setshabeng.
A re fa batho bao ba ka tswelela ba tshegeditse mokgwa o, ba tlaa iphitlhela ba tsene ka kgolegelo mme seo se bee matshelo a bone ka fa mosing.
Kgosi Bampusi o supa fa go tsola batho le go ba keteka e se mokgwa o o siameng ka e bile go le diphatsa ka go bo bangwe ba kgona go anamisa ditiragalo tseo ka maranyane a segompieno mme mongwe le mongwe a felele a bone tshotlako eo.
A re mokgwa o, ga se mokgwa o o ka bopang kgotsa wa tshwaraganya setshaba fa e se go se thuba ka bangwe ba ka se dumalane le one mme go bake dikgotlhang mo gare ga batho.
“A batho ba dire dilo tse di tlaa solegelang dikokomane tsa ka moso molemo, fa go tsola le go keteka batho e nna tsela ya go kgalema, dikokomane tse di tlang di tlaa tsaya gore mokgwa o ke tsela e e siameng mme ba dire jalo le bone ka thako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng”, ga bua kgosi.
O supa fa seemo se se ka rarabololwa fela fa batho ba mokgwa o ba ka begelwa ba sepodise gore le bone ba tseelwe dikgato.
“Ditiragalo tsa mofuta o di diragalela mo mebileng kana kwa marekisetsong mme go le gantsi di dirwa ke batho ba le setlhopha ka baa bo ba tsaya gore ga ba kake ba tshwarwa kana ba lemogwa,” a tlhalosa.
Kgosi Bampusi o tlhalosa fa batho bangwe ba tshwanetse go amogela batho bangwe mo sechabeng jaaka ba ntse, ba seka ba leka go fetola ditumelo tsa bone le ka fa ba tshelang ka teng ka mokgwa one o.
“Fa motho a tswa mo lwapeng a ya mo setshabeng a apere ka tsela e a e batlang, o a bo a ipona gore o siame mme e bile seo se mo kgotsofatsa, ka jalo ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go mo sotlaka ka fa a apereng ka teng” a tlhalosa.
E re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, Kgosi o ne a wetsa ka go rotloetsa magosi go bitsa diphuthego tsa morafe go thusa ba sepodise go kgalema le go laola seemo se. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 14 Jun 2017






