Breaking News

Diterekere tsa ISPAAD di boutsana

23 Jun 2013

Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re le fa ba itumelela tlhabololo ya lenaneo la temo la ISPAAD, ga ba jesiwe diwelang ke tlhaelo ya diterekere le didirisiwa tse dingwe tsa temo ya ditselana.

Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele ya Legare e e tsweletseng, ba akgela morago ga molaetsa wa molomaganyi wa lenaneo la ISPAAD go tswa Gaborone,  Rre Lepodisi Tekelelo.

Rre Telekelo o ne a sa tswa go tlhalosa ka tlhabololo ya lenaneo le.

Makhanselara ba boletse fa diterekere tse thataro tse di ntshitsweng ke puso go lemela  batho di tlhaela kgaolo ka e tona.

Ba tlhalositse fa bontsi jwa beng ba diterekere ba se na dipolantere.

Ba re seemo se se ka dika se paledisitse bangwe go lema.

Mokhanselara wa Senete go tswa kwa kgaolong ya Tutume, Rre Tabona Saulo o ne a lebogela  puso lenaneo le fela a e gakolola go batla mmaraka wa thobo ka jaana e tlaa nna ntsi thata.

 O boletse fa letlhafula le le sa tswang go feta magapu a ne a le mantsi thata ka balemi ba ne ba itse go na le mmaraka wa dikole tse dipotlana.

Mokhanselara yo o tlhophilweng ke tona, Rre Lesedi Phuthego o ne a tlhalosa fa a le molemi wa terekere, mme a re go bona mofufutso wa phatla mo pusong morago ga go lemela batho go diega mo go ba paledisang go reka didirisiwa.

O thalositse fa bangwe ba ba dikileng ba lemetse batho ka lenaneo la puso ba ise ba duelwe le jaana. Rre Phuthego o gakolotse gore bogolo puso e tsenye letsogo e thuse balemi go reka digogi le didiriswa tsa temo.

E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Tekelelo a kopa makhanselara go isa lenaneo kwa balemi-baruing, a ba solofetsa gore ba tlaa leka bojotlhe gore dituelo di fefosiwe gore tiro e tsamae sentle.

Rre telekelo o ne a gakolola makhanselara gore balemi ba ba palelwang ke go reka didirisiwa tsa temo ba ka ikopanya go kokoanya madi, mme morago ba a kgaogane ba di rekelana.

O kopile makhanselara go rotloetsa beng ba diterekere gore ba tsise bakgweetsi ba diterekere dithutong tsa go lema  ka nako e e beilweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moiseraela Lasarwe

Location : Serowe

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 23 Jun 2013