Breaking News

Setlhopha sa Wayei se tsosolosa ngwao

13 Jun 2017

Mogolwane wa setlhopha sa Wayei sa mmino wa ngwao, Rre Letshitile Otora o akgotse maiteko a ga Tautona a go tsosolosa ngwao ka dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Otora a re setlhopha sa bone se se tlholegang kwa Boro ga se a lebagana le mmino wa Seyei fela.

A re ba setse ba ithutile go dira didirisiwa tsa ngwao di tshwana le ditlatlana le dibaga e le bontlha bongwe jwa go ntsha banana mo mebileng gore le bone ba nne le se ba se dirang le go re ba kgone go oba letsogo.

Rre Otora a re setlhopha seo se ba se tlhamileng ngogola morago ga gore ba meletse ditlhopha tse dingwe mathe tse di neng di akola mo dikgaisanyong tsa ga Tautona, se setse se na le banana be le masome mabedi ba ba tlholegang gone kwa Boro.

“Dikagisanyo tsa malatsi a ga Tautona di mosola ka jaana di kgonne gore re tlhame setlhopha se sa rona le go re re nne le kgatlhego mo dilong tsa ngwao tse di neng di setse di nyelela,” ga bua Rre Otora.

A re ba ruta banana ka ditso tsa ngwao ya Bayei le maitshwaro a a siameng, segolo bogolo ba basetsana ba le bone ba rutwang gore ba ka apara jang.

A re ba lemogile gore ngwao ya Bayei e a nyelela ka jaana go se motlhofo go bona monana wa Moyei a bua Seyei, mme ba tswa ka mogopolo wa go tlhama setlhopha.

“Re setse re ise re tsenelele dikgagisanyo tsa ga Tautona ka jaana re santse re batla go godisa setlhopha le go itlhokotsa ka gore phadisanyo ya ditlhopha ke e e masheta go batla gore ditlhopha di ipaakanye sentle,” a tlhalosa.

Rre Otora a re o lemogile gore morago ga dikgaisanyo tsa ga Tautona banana ka bontsi ba ne ba simolola go ikgakologelwa le go ikamogela, selo se a supang fa se rotloediwa ke Tautona, mme se tshwanetse sa lebogelwa le go diragadiwa.

A re ba mo maikaelelong a go simolodisa buka e e kwadilweng ka Seyei e le bontlha bongwe jwa go godisa ngwao ya bone le go thusa banana ba ba sa itseng Seyei sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go tlaa rotletsa dingwao tsa merafe a mengwe go ba amogela.

O tladitse ka go re setlhopha sa bone ga se a lebagana le mmino fela ka gore nako tse dingwe ba a tle ba laletse bagolo mo motseng go tla go anya dikitso ka ngwao le gone gore ba godise setlhopha sa bone gore batle ba kgone go tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ngwaga oo tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 13 Jun 2017