Breaking News

Kwa Makomoto ba itumelela mananeo a nyeletso lehuma

13 Jun 2017

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Makomoto mo kgaolong potlana ya Tonota, Rre Godfrey Obakeng o supile fa ba itumelela pharologanyo e mananeo a nyeletso lehuma e e dirang tebang le go thusa go tlhabolola matshelo a bone.

Rre Obakeng o buile jalo mo potsolotsong bosheng, a re le fa lefelo la bone le ise le tlhomamisiwe go ka nna motse, se se itumedisang ke gore mangwe mananeo a a goroga kwa go bone e bile ba a kola.

A re lengwe lenaneo le banni ba masimo ao ba supileng kgatlhego mo go lone ka dipalo tse di kwa godimo ke la thuo ya dihutshane.

O boletse fa mangwe mabaka e le gore bontsi jwa bone ba na le maitemogelo a a rileng tebang le tlhokomelo ya dihutshane, mme gape mafulo le metsi mo tikologong eo di santse di nametsa.

Rre Obakeng a re dithulaganyo di akaretsa tshekatsheko ya baikopedi le tse dingwe tse di maleba, di setse di dirilwe mme ba setse fela ba letile maphata a a maleba go ba rolela dithuso tse ba di kopileng.

O bile a re lengwe lenaneo le banni ba le itumelelang e bile ba le tseela kwa godimo ke la go apeela badiri ba Ipelegeng.

A re dikatso tsa lenaneo le di a nametsa e bile di laolwa ke gore motho o fepa palo e e kae ya badiri.

Go sale foo, Rre Obakeng a re ope yo o nang le bokgoni jwa go apaya o gololesegile go ka iteka lesego go sa kgathalesege gore ke monana kgotsa mogolo.

Rre Obakeng o bile a re ntle le gore Ipelegeng e thusa ba ba tlhapilweng go oba letsogo, e dira gape pharologanyo tebang le go phephafatsa tikologo.

A re le ntswa bangwe banni ba masimo a ba inaakantse le majalwa a setso, go a itumedisa go bona ba obamela melao le dinako tsa thekiso.

O bile a tlhalosa fa ba itumedisiwa ke go bona go rena kagiso go sena dipe ditiro tse di fatlhang di akaretsa dintwa le dikgobalo tse di tlhagogang e le maduo a tiriso ya majalwa.

Rre Obakeng  o bile a re ntswa bontsi jwa banana mo masimong ao ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditiro, go a nametsa go bona bangwe ba supa kgatlhego go ka dira maano a itshetso go na le go inaakanya le ditiro tsa botlhoka tsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : MAKOMOTO

Event : Potsolotso

Date : 13 Jun 2017