Dikhwaere di itlhokoletsa makgaolakgang
13 Jun 2017
Lorole e ne e le le le betang kolobe jaaka ditlhopha tsa mmino wa dikhwaere di le lesome le botlhano go tswa mo kgaolong ya Kgalagadi le Gantsi di ne di thulanye kwa Tsabong ka Matlhatso go ipatlela phatlha go ya makgaolakgannyeng kwa Gaborone kgwedi e e tlang.
Khwaere ya Mahusane go tswa kwa Kang e ne ya dira go swela go tlhomamisa gore e ikgapela maemo a ntlha ka masome a a robang bobedi mo lekgolong go ya go emela kgaolo ya Western Region e leng Kgalagadi le Gantsi.
E ne ya longwa serota ke khwaere ya Maleka ka masome a supa le borobabongwe go tswa Hunhukwe mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone fa maemo a boraro a tserwe ke Young Dangerous Choir (YDC) go tsholeletsa kwa godimo gape leina la Kang.
Leloko la khwaere e e gaisitseng tse dingwe ya Mahusane go tswa Kang, Rre Mosalagae Sehularo o ne a lebogela maduo.
O ne a supa fa khwaere eo e tlhamilwe ka 1983 morago ga go tswa mo go ya YDC.
Rre Sehularo o kaile fa e se la ntlha ba ya legatong la bofelo, a kaya fa ba ne ba fenya kwa makgaolakgannyeng ka 2013 le 2015 mme a ikana fa le mo ngwageng ono maikaelelo a setlhopha sa gagwe e le go dira botswerere go ya go fenya gape mo legatong la bofelo.
E rile fa a amogela baeng le go bua maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane go tswa mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Rre Mpilo Mbo a tlhalosa fa e le go supa, go ipelela, go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng e e farologanyeng mo lefatsheng leno.
Rre Mbo o boletse fa gape e le go godisa popagano le tshwaragano le gone go epolola ditalante tsa badiragatsi.
Rre Mbo o ne a gakolola ka boitshwaro, botho le maitseo tse badiragatsi ba tshwanelwang ke go di supa gongwe le gongwe fa go tshegeditswe dikgaisanyo, a gatelela gore ba iphaphe mo majalweng ka a ka felela a ba senyetsa bokamoso.
O ne a tlhalosa gape fa mo ngwageng ono setlhopha se se gapileng maemo a ntlha e le sone fela se se fetelang kwa legatong la bofelo fa sa bobedi sone se tlaa atswiwa ka P8 000 mme sa boraro sone se tlaa tiisiwa moko ka P5 000.
Mme Pearl Sebakile, mongwe wa baatlhodi o ne a akgela mabapi le tsa boatlhodi mo dikgaisanyong tseo, o ne a kaya fa ditlhopha ka bontsi di ne di itomile molomo wa tlase go rurifatsa gore e nna bafenyi ba motia.
Le fa go ntse jalo, Mme Sebakile o ne tlhalosa fa ditlhopha dingwe di paletswe ke go diragatsa dingwe tse ba neng ba di tsentse leitlho thata di akaretsa moribo wa pina, neelano le popo ya mantswe le ka fa baopedi ba tsibogelang pina ka teng mo motlhabeletsing, mme a ba kopa go ya go ipaakanya sentle mo nakong e e tlang.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, mokhanselara, Rre Nelson Motswewapuo o ne a lebogela maiteko a puso mo dikgaisanyong tseo ka di ntsha maduo a a bonalang.
O kgothaditse setlhopha se se fetelang kwa pele go itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore se tshegetsa maemo ao le kwa pele.
O ne a leboga barotloetsi le barati ba mmino wa dikhwaere mo Tsabong le metse e e gaufi ka ba ne ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo gammogo le botlhe ba ba nnileng le seabe gore letsatsi leo le atlege. BOHKUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Dikgaisano Tsa Malatsi a ga Tautona
Date : 13 Jun 2017






