Breaking News

Ofisi ya Mosireletsi e hemela setshaba

13 Jun 2017

Mothusa mosereletsi, Rre William Moncho a re ofisi ya gagwe e itebagantse le dikgang tsa go hemela setshaba mo go rontshiweng ditswanelo.

Rre Moncho o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Ranaka bosheng fa bontsi jwa Batswana ba sena kitso e e tseneletseng ka ditirelo tsa ofisi ya ga Mosireletsi.

O boletse fa ofisi ya ga Mosireletsi e amogela dingongorego go tswa mo setshabeng, makgotla a a kopanetseng papadi le puso le makalana otlhe a puso e nang le seabe mo go one.

Le fa go ntse jalo, Rre Moncho o tlhalositse fa ofisi ya ga Mosireletsi  e sa buelele mongongoregi ka tsela e e dirisiwang ke babueledi kwa makgotleng a ditsheko.

A re thulaganyo ya Mosireletsi ke go tsereganya e bile mongongoregi a sa lopiwe tuelo epe.

“Fa o sa kgotsofalele tsamaiso, o tlhokelwa maitseo, o sa arajwe ka fa tshwanelong, o nyenyafadiwa kgotsa o kgethololwa ka tsela epe fela mo maphateng  a puso, ke molato o re tlhokang gore o o re bee pele,” Rre Moncho a tlhalosa.

O boletse fa go tlhoka tsamaiso go ka tsala tshenyetso setshaba fa go sa rarabololwe.

Ka jalo o rotloeditse morafe go emisa go bipa ditiragalo tsa go tlhoka tsamaiso tse di ba amang.

O ne gape a ba gakolola gore ba seka ba diega go bega dikgang tsa mofuta o.

O ne a a tlatsa ka go re molao o o ba laolang o tlhoka gore dikgang tsa go nna jalo di begwe kwa ofising ya Mosireletsi mo lobakeng lwa ngwaga di diragetse.

Rre Moncho o tlhalositse gape gore fa ba bona tiragalo mo dipampiring tsa dikgang e supa go tlhokegile tsamaiso, Mosireletsi o na le thata ya go e latedisa.

E rile a akgela, mongwe wa baagi ba Ranaka, Rre Mothibedi Mothibedi a lebogela Mosireletsi ka thuto e a e ba abetseng, selo se a rileng se thusitse morafe go farologanya tiro ya ofisi ya ga Mosireletsi le ya lekgotla la twantsho tshenyetso setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tlamelo Kgelepo

Location : RANAKA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 13 Jun 2017