Mokgatlho wa Mafolofolo o tswa thuso
23 Jun 2013
Ba mokgatlho wa Mafolofolo o o tlhamilweng ke maloko a ntebele ke go lebele ba supile seabe sa bone mo go lwantsheng lehuma la nta ya tlhogo ka go abela Mme Selinah Maukwa madi, dijo le dikobo kwa Kasane.
Mme Maukwa o ne a shelwa ke ntlo ya bo ya lora bosheng, mme ka go lemoga letlhoko la gagwe ba Mafofolo ba ne ba ititaya ka thupana go mo fokoletsa manokonoko a seru seo.
Mme Maukwa yo o dingwaga di masome a supa le boferabongwe, o tlholega kwa Pandamatenga mme a nna mo kgotleng ya Kgaphamadi ya Kasane kwa mokgatlho oo,o thailweng teng.
Mo potsolotsong le Mme Maukwa, o supile fa a itumeletse maiteko a Mafolofolo mme gape a supa fa jaanong a tshwengwa ke fa a latsang tlhogo teng ka a robala mo ntlong e le ngwe le ditlhogolwana tsa gagwe tse di tlhokafaletsweng ke batsadi
Modulasetilo wa komiti ya Mafolofolo ebile e le modulasetilo wa Kasane Crime Prevention Committee, Rre Joseph Munisola o tlhalositse fa Mafolofolo Cluster e le nngwe ya dikomiti tsa bogologolo tsa dikgotlana tsa Kgaphamadi le Botshabelo di kopane.
A re Mafolofolo e tlhamilwe ka 1984 e le twantsho borukuthi morago ga go lemoga fa dikgotlana ka bobedi di tshwenngwa ke borukutlhi jo bo tshwanang mme e bile bo golela pele.
O ne a tlhalosa gore le fa komiti ya gagwe e le ya twantsho borukutlhi e na le maikaelelo a go lwantsha lehuma e le go araba ikuelo ya ga Tautona le go thusa go diragatsa maikaelelo a Tebelelopele ya Setshaba ya 2016.
Rre Munisola a re mo ngwageng tse tlhano tse di tlang ba batla gore ba bo ba agetse batlhoki matlo a ka nna mararo gape ba fentse ntwa kgatlhanong le borukutlhi mo dikgotlaneng tsa Kgaphamadi le Botshabelo, mme a re fa go ntse jalo, gore maitlamo a bone a atlege mo Mafolofolo, ke fa puso, maphata a a ikemetseng, mongwe le mongwe a ka ba thusa ka se a nang naso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Emmanuel Kayenda
Location : Kasane
Event : Dithuso
Date : 23 Jun 2013






