Breaking News

Tswaragano le tirisanyo di ka nonotsha puso ya batho ka batho

13 Jun 2017

Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima le Shoshong, Rre Boemo Mpolokeng a re puso ya batho ka batho le thokgamo e e renang mo lefatsheng leno di ka nonotshiwa ke tshwaragano le tirisanyo-mmogo ya ba-tsaya karolo mo tsamaisong ya ditlhopho.

Rre Mpolokeng o boletse mo thuto-pusianyong e e neng e tsenwe ke mapodisi mo Mahalapye bosheng gore le fa mapodisi, babega-dikgang le baemedi ba diphathi tsa sepolotiki ba na le tshwanelo ya go tlhopha, gone ba tshwanetse go sala molao morago go na le go supa kgatlhego mo diphathing dingwe.

A re maikaelelo a  thuto-puisanyo eo e ne e le go abelana megopolo le ba sepodisi ka e le bone ba theogelang ka letsatsi la ditlhopho go bona gore ditlhopho di tsamaya ka thelelo le go sireletsa ba ba tlhophisang gammogo le batlhophi.

Rre Mpolokeng o tsweletse ka go bolelela ba-tsena thuto-puisanyo gore go le gantsi dintwa tse di diragalang mo mafatsheng mangwe a Afrrika di bakwa ke ditumelo tse di farologanyeng le go dirisa semorafe.

A re mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba batlhophi ba tlaa dirisa motshine go tlhopha bontlhopheng ba dikgaolo tsa bone a bo a bolela fa mo ditlhophong tseo ga go ke go nne le ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso jaaka go ntse go diragala.

O tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe yo o nang le Omang yo o mo tirisong e bile a le dingwaga tse di lesome le boferabobedi a na le tshwanelo ya go tlhopha le go emela ditlhopho go sa kgathalesege gore ke wa tumelo efe kana morafe ofe.

Rre Mpolokeng o tsweletse ka go tlhalosa fa lefatshe la Botswana le tshwara ditlhopho nako le nako morago ga ngwaga tse tlhano.

A re mo ditlhophong tse di tlang  bontlhopheng ba bopalamente ba tlaa ikwadisetsa ditlhopha ka P5 000 fa bontlhopheng ba dikhansele ba tlaa ntsha P1000.

A re mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba bontlhopheng ga ba na go letlelelwa go adimana basupi ka letsatsi la ikwadisetso ditlhopho jaaka go ntse go direga mo ditlhophong tse di fetileng.

A  re ba santse ba sekaseka mogopolo wa gore bagodi, ba-na-le bogole le bomme ba ba itsholofetseng ba ka seke ba letlelelwe go tlhopha nako e le nngwe le badirelapuso go hema mosuke le mela e meleele ka letsatsi la ditlhopho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto Puisano

Date : 13 Jun 2017