Breaking News

Modulasetilo o galaletsa bodiragatsi

12 Jun 2017

Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Slyevester Masweu a re badiragatsi ba tshwanetse go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo.

Fa a bua kwa tshimolodisong ya dikgaisanyo tsa mmino wa Sebirwa le Hosana kwa Bobonong ka Matlhatso, a re go diragatsa go tshwanetse go tswewa fela jaaka tiro ya sennela ruri.

Rre Masweu a re go tswa goo Lowe baeteledipele ba Botswana ba rotloetsa bodiragatsi mme a supa fa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ene o ne a seegela malatsi a ga Tautona a boitapoloso fa thoko go nna a go ipelela ngwao.

A re Tautona  o ne a dira seo ka a ne a bone fa ngwao ya Batswana e nyelela.

O supile fa Batswana ba na le ngwao e e nonneng e ba ka e bapatsang go itshetsa ka yone mo gae le kwa mafatsheng a sele.

Rre Masweu a re go tswa kgakala Batswana  ba dirisa ngwao, bogolo jang pina le go bina go ipelela dilo tse di farologanyeng jaaka thobo, go kopa le go lebogela  pula gammogo le go ipelela phenyo.

Modualsetilo o boletse gore fa e sale Tautona Khama a tsosolosa ngwao badiragatsi ba kgona go dira madi.

A re fa Tautona a ka bo a sa tsaya tswetso ya go tsosolosa ngwao mo dingwageng tse di tlang ngwao ya Batswana e ne e tlaa nyelelea.

Rre Masweu o kgothaditse Batswana go ema nokeng badiragatsi a re nako e fetile e badiragatsi ba neng ba tsewa jaaka batho ba ba senang tlhaloganyo le boikarabelo.

Fa a tlhalosa ka tiro ya letsatsi leo la dikgaisanyo,  moeteledipele wa lephata la thabololo banana metshameko le ngwao, Mme Keneilwe Mmusi o supile fa Batswana ba na le dingwao tse di farologanyeng  mme dikgaisanyo tse e le tsela nngwe ya go kopanya merafe.

A re ngwao ya Sebirwa le ya Sekalaka di a tsamaelana mme dikgaisanyo tse di tlaa dira gore bangwe ba anye mo go ba bangwe.

Mme Mmusi  a re mmino le kopelo gape di ka dirisiwa go tswakanya itsholelo jaaka ditlhopha dingwe tsa Botswana di setse di kile tsa ya go diragatsa kwa mafatsheng a sele.

Metshameko e e ne e kgobokantse ditlhopha tsa mmino wa Sebirwa di roba bobedi ebong sa Dinare sa Tsetsebye, Mosekaphofu, Re tla Re Ke Dipitse, Manameja Nkwe di tswa  Bobonong, Sekgobokgobo, Mothophi le Motlhabeng tsone di tswa Mabolwe, le sa Kadeleja go tswa Molalatau.

Tse di tswang kwa Bokone Botlhaba tsa mmino wa Hosana  di ne di le lesome le bobedi ebong sa Thako ya Pitse go tswa Ramokgwebana, Bakani Tjilenge Cultural Group, Tjilenge Tje Ngwao, Makole e Vula Cultural Group, Tjilenge Tje

Buya di tswa Francistown, sa Dikgosi tsa Ngwao, Kopano Cultural Group le Maitengwe Cultural Group go tswa  Tutume, Kombelani, Dikokomani tsa Ga Mbalambi, Batani Group le Kudzani Tjilenge Group.

Mo mminong wa Sebirwa setlhopha sa Mosekaphofu se ne sa gapa maemo a ntlha se latelwa ke sa Re tla Re Ke Dipitse, fa sa Manameja sa Mothabeng se tsere a bone.

Setlhopha sa Tjilenge Tje Ngwao se gapile a ntlha mo go Hosana se salwa morago ke sa Kombelani, Thako ya Pitse e tsere a boraro, fa a bone a tserwe ke Kudzani Tjilenge. ENDS

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Dikgaisano

Date : 12 Jun 2017