Breaking News

Botsogo bo ama mmele tlhaloganyo mowa

12 Jun 2017

Botsogo le boitekanelo bo ama dikarolo tse tharo tsa motho ebong mmele, tlhaloganyo le mowa.

Mafoko a, a bulilwe ke mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Nelson Mogapi kwa pitsong ya thotloetso botsogo jo bo faphegileng, kwa kgaolong ya Mosanta kwa Mochudi bosheng.

Rre Mogapi o tlhalositse gore fa dikarololo tse di sa itekanela, ga gona sepe se se tswelelang.

O tlhalositse fa dikarolo tse tsotlhe di tlhokana le itshidilo gore di kgone go dira tiro ya tsone, a tlatsa ka go re mmele o tlhokana le go sidilwa letsatsi le letsatsi.

Rre Mogapi o tlhalositse fa tlhaloganyo e tlhokana le go sidilwa ka go bala dibuka, pampiri tsa dikgang le metshameko mengwe e e bulang tlhaloganyo jaaka mhele.  

O tsweletse ka go rotloetsa setshaba go fetola matshelo a bone, a tlatsa ka go re ga go na jaaka botshelo bo ka fetoga fa ditiro di sa fetoge ka ke tsone di tsisang maduo mo botshelong.

Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Mosanta, Rre Tona Mooketsi o ne a ba rotloetsa go ikgapha mo diemong le didirisiwa tse di bayang matshelo a bone mo diphatseng.

O tlhalositse fa setlhogo sa letsatsi se se reng Botsogo jwa me, Boikarabelo jwa me, se tlhalosa ka botlalo fa botsogo jwa batho bo le mo diatleng tsa bone.

O tlhalositse fa bontsi jwa malwetse a a tlhaselang Batswana e le ka ntlha ya go sa sekegeleng ditaelo tsa ba bongaka tsebe le go ikgatholosa mebele ya bone fa e supa dikai tsa bokoa, a tlatsa ka go re setshaba se iphetisa dino-tagi tse di koafatsang mebele.

Rre Mooketsi o tlhalositse fa matshwenyego a tsa lelwapa le dikgwetlho tsa lefatshe di tsisa makoa a mmele ka di ama go sa iketlang ga tlhaloganyo mo go felelang go baka kgokgontsho mo malwapeng le kwa ditirong.

Mookamedi wa kokelwana ya Makakatlela, Mme Adelaide Oathotse o kopile tirisano mmogo le setshaba fa batlhatlhobi ba tsena mo malwapeng a bone ka baa bo ba tsile go ba ruta le go ba thusa  go hema malwetse.

O kopile tirisano mmogo le morafe le boeteledipele ka bangwe ba sa tlhole ba tsaya diritibatsi tsa mogare sentle kwa kokelong, a tlatsa ka go re balwetse ba le 69 ba emisitse go tla kokelong e bile ba le bane ba setse ba tlhokafetse.

O kopile batsadi go rotloetsa bana go tswelela ba tsaya diritibatsi le go ba tlhalosetsa seemo sa bone fa ba godile ka bontsi jwa bone bo emisa go nwa diritibatsi fa batsadi ba emisa go ba tsisa kokelong

Fa a leboga, Mokhanselara wa Ntshinoge, Rre Thabo Komane o itumeletse go ikopanya ga dikgaolo tse pedi tsa botlhophi ka go dule maduo a a molemo.

O lebogile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse le molaodi go bo ba kgonne go rulaganya letsatsi ka le atlegile thata, a tlatsa ka go leboga le ba dimausu tse di neng di ruta setshaba ka tsa botsogo.

Rre Komane o rotloeditse setshaba go tswelela ka go itshidila mmele le go nwa metsi go kganela malwetse. ENDS

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Pitso

Date : 12 Jun 2017