Breaking News

Lekgotla la tsamaiso ya ditlhopho

12 Jun 2017

Baemedi ba komiti e e tsamaisang ditlhopho e e bopilweng ka kemedi ya diphathi, mekgatlho, bogosi, bobega dikgang, sedumedi, sepodisi, ba-na-le bogole, banana, makgotla a babereki le a a ikemetseng ba gokolotswe go thusa lekgotla go isa melaetsa kwa setshabeng.

Kgakololo e, e ne e dirwa ke mogolwane wa lephata le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho yo o okamentseng kgaolo potlana ya Palapye, Rre Balatlhegi Baloi fa a mogela maloko a komiti eo go a lekodisana ka diphetogo tse di dirilweng mo molawaneng wa tsamaiso ditlhopho.

Rre Baloi a re komiti ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho (Party Liason Committee) e botlhokwa thata mo mererong le tsamaiso ya ditlhopho.

A re tiro ya yone e tona ke go rerisana, go baakanya le go tla ka megopolo e e nonofileng go thusa ka go tokafatsa merero ya ditlhopho mo dikgaolong tsa bone.  

O ne a supa fa dipaakanyo tse di dirilweng bosheng tsa mangwe matlhophelo e le sengwe sa tse di supang bokgoni jwa komiti.

 A re go baakanngwa ga mafelo a matlhophelo go ya go fokotsa ditshenyegelo tsa puso.

Rre Baloi o ne a lekodisa ka motshine o o tlaa dirisiwang mo ditlhophong tse di tlang, go okediwa ga madi a ba ba emelang ditlhopho, go phimolwa ga kwadiso ya poeletso le tse dingwe, a re ke dingwe tsa tse di fetotsweng mo molaong wa tsamaiso ya ditlhopho.

O kopile kemo nokeng ya komiti go thusa go tlhalosetsa morafe ka diphetogo tseo, a re e tlaa re fa matshine o goroga ba o begele komiti pele ga ba ka ruta morafe ka tiriso ya one.

A re o lemogile fa bontsi jwa batho bo santse bo tsaya tlhopho lolea, a re ba tlhoka thuto gore ba itse mosola wa tlhopho le go diragatsa lenaneo la puso ya batho ka batho.

Baemedi ba diphathi, banana le ba-na-le bogole ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tiriso ya motshine ba re nako ya go o ithuta e setse e tsamaile.

Ba kopile gore go sekasekwe ikwadiso ya tlaleletso le gore diphathi di thusiwe ka madi go ipapaletsa ditlhopho.

Ba-tsena phuthego ba ne ba tlhalosediwa gore molao fa o setse o fetisitswe o dumelanwe bodiredi ga go na sepe se bo ka se fetolang fa e se fela go o diragatsa jaaka o ntse, mme ga tlhalosiwa gape gore mafelo a matlhophelo a ya go lejwa gore a a na le ditlamelo jaaka metsi, dipone, direpodi tsa dikolotsana tsa ba-na-le bogole le matlwana a boitiketso ka nako tsa ditlhopho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 12 Jun 2017