Breaking News

Badirelapuso ba kopiwa go itse boikarabelo jwa bone

12 Jun 2017

Badirelapuso ba kgothaditswe go tswelela ka go diragatsa maitlamo a bone a go isa ditlamelo kwa bathong ka manontlhotlho.

Kgotlhatso e, e dirilwe ke mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona, botsamaisa puso le bodiredi, Rre Thato Kwerepe jaaka a ne a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga bosheng.

Rre Kwerepe a re badirelapuso jaaka e le karolo ya puso ya lefatshe leno, ba tshwanetse ba itse e bile ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go isa mananeo a puso le ditlamelo kwa setshabeng jaaka fa puso e solofela.

O ba kopile gore ba seka ba letla ka gope dikgwetlho tse ba kopanang natso mo tirog go ba ema pele go direla lefatshe, a re o itumedisiwa ke go bo go itshupa gore ba na le dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya boroko le didirisiwa mme ba tsweletse ka go dira tiro mo le Batswana ba itumelelang maduo.

Rre Kwerepe a re go mo maruding a badirelapuso go netefatsa gore ba tlhaloganya boikarabelo jwa bone go na le go letla dilo dingwe go thulathulana le boikarabelo jo ba bo filweng ke puso.

A re go botlhokwa gore ba itse melawana ya phiro ba bo ba e obamele, ka se se ka ba kgontsha go dira se se tshwanetseng.

Rre Kwerepe, yo gape e leng mopalamente wa Ngami, o ne a tlhalosa fa molao wa phiro o sa letle modirelapuso go itshupa gore ke wa phathi e fe ya sepolotiki mme a letlelesega go tsaya karolo mo ditlhophong.

O tlhaloseditse badirelapuso fa dikopo dingwe tsa bone di santse di sekasekwa, a tlhalosa fa mo mabakeng mangwe go na le dingwe tse mohiri le mohiriwa ba sa dumalaneng mo go tsone, mme seo se sa ree gore phelelong dilo di ka seke tsa boela meriting.

Mothusa mookamedi mo lephateng la phiro, Rre Victor Manyanda o nankoletse badirelapuso dithuso tse ba ka di nwang moro go tlhabolola matshelo a bone.

O tlhalositse fa dituelo tsa RASA di duelwa badirelapuso ba ba direlang kwa mafelong a a dikhilometara di le lekgolo le masome a matlhano go tswa mo lefelong le le nang le ditlamelo.

Rre Manyanda o tlhalositse fa badirelapuso bangwe ba na le mokgwa wa gore e re gotwe ba a fudusiwa, ba bo ba ntsha mabaka ba leka go tila phuduso, a re ba tshwanetse go itse fa ba tlaa isiwa kwa tiro e ba tlhokang teng, e seng kwa ba eletsang go ya teng.

Badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba itela mo go mothusa tona ka tse di sa ba jeseng di welang le ka dikgwetlho tse ba kopanang natso mo tirong, tse gantsi di ba kgoreletsang go dira tiro ya bone ka fa setshaba se solofetseng ka teng.

Rre Kwerepe o ne a ba tshepisa fa a tlaa fetisetsa matshwenyego a bone kwa maphateng a bone ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 12 Jun 2017