Breaking News

Kgaolo e dira botoka mo go diragatseng mananeo

12 Jun 2017

Molaodi wa ditlhabololo wa kgaolo ya Boteti, Mme Nobotlhe Nbusi a re kgaolo eo e dira botoka mo go diragatseng mananeo a ditlhabololo ka labaka la go sala morago ba ba filweng ditiro tsa go a diragatsa.

Mme Nbusi o buile jaana fa a rolela phuthego ya khansele potlana ya Boteti pego ya komiti ya ditlhabolo kwa Letlhakane bosheng.

O tlhalositse gore bogogi jwa kgaolo bo tlaa tswelela bo ofa ba ba filweng manneo le ba malwapa a bone dikgakololo go ba lemotsha botlhokwa jwa one.

Mme Nbusi a re bogogi jwa kgaolo bo kopile ditlhogo tsa maphata gore bo seka jwa ikgagapelela didirisiwa tsa puso.

A re beng ba dikhamphani ba ba filweng ditiro mme ba sa obamele ditumalano ba tlaa rontshiwa sebaka sa go ikopela ditiro mo nakong e e tlang.

O supile fa go ima ga banana le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro e le kgwetlho kwa kgaolong ya Boteti ga mmogo le bogodu jwa leruo jo bo kwa godimo mme a kgothatsa gore leruo le tlhokomelwe.

Mokhanselara wa Letlhakane Borwa, Rre Aaron Baitsemang o supile fa kgaolo e na le bana ba le bantsi kwa merakeng ba dingwaga tsa bone di batlang ba ka bo ba tsena dikole a bo a supa ngongorego ka tlhaelo ya dijo kwa dikoleng.

Mokhanselara wa Xere, Rre Aaron Angleton o ne a kopa gore lenaneo la go agela batlhoki le tsenngwe leitlho, go bona gore ba ba filweng tiro eo ba dira sentle.

Rre Angleton a re boimana jo bo kwa godimo jwa banana bo tshwanetse jwa emelwa ka dinao, banana ba rutwe bodiphatsa jwa go ima ba le bannye.

Mokhanselara wa Xhumo/Mmadikola, Rre Elijah Motsamai o supile fa ba sa le ba solofeditswe ngaka nako kgolo ke eno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 12 Jun 2017