Breaking News

Rotlhe re tlamega go somarela lefatshe - tona

12 Jun 2017

Ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go tsaya boikarabelo go tlhokomela le go sireletsa lefatshe gore ba ba tswang kwa morago ba le fitlhele.

Mafoko a a builwe ke tona wa boagedi, mesepele le bong, Rre Edwin Batshu, a tlhaloseditse banni ba Gojwane mo phuthegong ya kgotla gore lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go bona gore bana ba ba tsholelwang mo Botswana ba a kwadisiwa go tlhomamisa gore ba akarediwa mo ditogamaanong tsa lefatshe.

Tona Batshu a re ngwana fa a sena go tsholwa, o tshwanetse gore a bo a kwadisitswe mo lebakeng le le sa feteng malatsi a le masome a marataro, fa dintsho tsone di tshwanetse go kwadisiwa pele ga malatsi a le masome a mararo.

O rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone, a tlhalosa fa dintsho tsa borre di feta tsa bomme, selo se a reng se supa fa borre ba le maoto a tshupa go bona ba bongaka.

Tona Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o rotloetsa batsadi go bitsa bana maina a e tlaa reng ba godile ba a itumelele ka go se motlhofo go fetola leina ka go dirwa jalo go setswe molao morago mme e bile go le mogoga moleele.

Rre Batshu o tlhaloseditse banni gore ope yo o tlaa fitlhelwang a thapile kana a neetse motswakwa boroko a sena teseletso ya go nna kana go bereka mo Botswana a le banwe ke molato o o ka mo isang kgolegelong.

Rre Ntshegang Lelu, yo e leng monni wa motse, o tlhalositse fa ba tshwentswe ke dikereke tse di alafelang mo nageng mme e re morago ba tlogele didirisiwa tsa bone mo sekgweng, a tlhalosa fa se se kgotlela tikologo.

Rre Lelu o ne a kopa Tona Batshu go ikopanya le tona yo o maleba go potlakela go abela dikereke ditsha gore ba kgone go direla kalafi ya bone mo lefelong le ba le neetsweng.

Kgosi Kebalepile Ketlhaetse wa Gojwane o ne a supa fa banni ba motse oo, o o mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba santse ba tlhaela thuto go tswa mo lephateng la dipasa.

Kgosi o ne gape a supa fa batswakwa ba le bantsi mo motseng, mme ba sena tetla, a re se se rotloediwa ke batho ba ba ba letlelelang go nna mo malwapeng a bone a bo a tlhalosa fa bangwe ba tshodisitse bana ba motse oo bana mme a kopa tona go ba tswa thuso.

Mokhanselara wa Serule, Rre Meshack Mabutho o kopile botlhe ba ba nnang le batswakwa go ba ntsha mo malwapeng ka dikhansele di imelwa ke go tlhokomela bana ba ba senang batlhokomedi ka bontsi jwa batsadi ba bone e le bomme ba itsholelo e e kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Jun 2017