Breaking News

Jeme ya ga Mma Moalosi tswina

11 Jun 2017

Mme Maria Moalosi wa dingwaga tse di masome marataro le borataro a re o tshephile diatla tsa gagwe go iphema lehuma.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Moalosi a re o simolotse go dira jeme morago ga go rutwa ke tsala ya gagwe mme ba dira se go itlosa bodutu kwa masimo ka nako tsa temo.

Mme Moalosi a re go ithuta go dira jeme ka maungo a a farologaneng e ne e le ntlha nngwe ya go babalela maungo mangwe a naga gammogo le a a lengwang.

O re o ne a seka a ya kgakala ka thuto ka a dirile lekwalo la bobedi fela, mo e rileng morago a kgatlhegela temo-thuo le go itirela ka diatla.

Mme Moalosi a re o dira jeme mo lapeng mme a e rekise, selo se a reng se mo thusa go tlhokomela ba lelwapa la gagwe.

Mo bogompienong a re o dira jeme ya morula.

A re o itemogetse gore batho ka bontsi ba ikaegile thata ka go reka sengwe le sengwe.

A re methale e mengwe ya go ka sireletsa maungo a naga le a a lengwang, a e leng gore ka bonya ka bonya a a nyelela jaaka lerotse ke go a dirisa mo ditirong tse dingwe jaaka go dira lengangale.

O tlhalositse fa go itirela dijo ka nako tse dingwe go sa tlhoke didirisiwa tse ditona e bile di le matswakabele.

A re o ne a nna le sebaka sa go supa bokgoni jwa gagwe jwa go dira jeme ka morula, lephutshe le lerotse mo ditshupong tsa temo-thuo tsa kgaolo, mme a itemogela gore batho ba e kgatlhegela ka bontsi.

Mme Moalosi a re ngwaga wa 2017 o tsile ka dipula tse di namagadi mo a tlaa robang go le gontsi le naga e tlaa kgaba ka maungo mme seo se seke se ame tiro ya gagwe.

Mme Moalosi a re mo nakong e e sa fediseng pelo o tlaa bo a kgona go dira botoro ya manoko ka a ithutuntsha.

A re le fa ka dipaka tse dingwe a lebagana le dikgwetlho tsa tlhaelo ya metswako, ga a ke a ineela ka a ithutile go bereka ka thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2017