Somarelang mananeo
11 Jun 2017
Puso e ne ya tsibogela letlhoko la ditiro ka go tla ka mananeo a a farologanyeng a Batswana ba ka inamolang lehuma ka one le go tlhamela ba bangwe mebereko.
Ba ba botlhale ba ne ba inaakanya le mananeo a, bangwe ba atlega fa bangwe ba ne ba iteka mme morago ba felela ba itlhokomolositse dithuso tse ba di boneng, kgabagare ba seke ba nne le dipoelo.
Mo potsolotsong le BOPA, mothusa mokenti mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Abel Ntlhantsi kwa kgaolong potlana ya Tutume a re batho ga ba tlhokomele diruiwa tse ba di filweng ka lenaneo la LIMID.
Rre Ntlhantsi a re bontsi jwa batho ba ba neetsweng mananeo, ba tlogela leruo le le nosi kwa merakeng ba ya go bereka Ipelegeng.
A re lenaneo leo ga le kganele ope go bereka mme fa motho a bone tiro o tshwanetse go ipega kwa lephateng gore o di tlogela le mang.
“Batho ba tsamaya fela ba tlogela leruo le se mo tlhokomelong mme morago le phatlalale, ka jalo go seke go nne le dipoelo,” a tlhalosa.
O tlhagisitse barui go kuela leruo kwa lephateng la bakenti fa le tlhasetswe ke bolwetse gore ba kgone go bona thuso ka nako.
“Leruo ke madi a o a neetsweng go go tlhabolola e seng go a latlhelela,” Rre Ntlhantsi a supa.
A re puso e ntshitse mananeo a mantsi a e leng gore ga a ise batho gope ka lebaka la go tlhoka tlhokomelo, a re Batswana ba ka bo ba tsamaya kgakala mo nakong eno mme ka ntlha ya go tlhoka go ipha nako ya go tlhokomela, go ba buseditse morago.
O rotloeditse setshaba go ikemela ka dinao, ba itirele gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone mme morago ba kgone go fetola matshelo a bangwe ka go ba tlhamela mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2017






