Breaking News

Kwadiso ya manyena mo enthaneteng e siame

11 Jun 2017

Rre Gabaitse Tlhabano yo o moraka kwa Xhumo o tlhalositse fa a itumelela dithuso tsa lephata la temo-thuo, bogolo jang kwadiso ya manyena a leruo mo enthaneteng.

Mo potsolotsong le BOPA, a re o kwadisa manyena a leruo la gagwe mo enthaneteng e le ntlha nngwe ya go akola boranyane jwa temo-thuo.

“Ke kwadisa dikgomo tsa me ka nako ya me, mme se se dira gore dilo tsa me di tsamae ka thulaganyo,” Rre Tlhabano a tlhalosa ka boitumelo.

A re e rile lephata la bokenti le matlhoko a leruo le mo rolela dithuto ka lenaneo le, a se ka a dia sebaka a ikwadisa go nna le karata e e bidiwang Keeper card.

Rre Tlhabano a re karata e, e mo thusa go reka manyena, melemo le dijo tsa leruo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

A re morago ga go ikwadisa mo enthaneteng ya Botswana Animal Information Traceability System (BAITS), jaanong a simolola go bona dithuso a le mo lwapeng.

O tlhalositse fa lenaneo le le mmolokela nako ka a sa tlhole a latela diofisi kwa Nata le go letela thuso lebaka le le leele ka barui ba le bantsi.

A re lenaneo le gape le motlhofo fa morui a na le kitso ya dikhomputara ka gore fa a dirile phoso ya go kwadisa lenyena ga bedi le a mo tsibosa.

“Lenaneo le a nthusa, bogolo jang fa ke le mo kgaolong jaana. Fa tsa ditlhaeletsano le maranyane di le kwa tlase gape le yone nako ya badiredi e tlodile, ke dira fela ke le kwa lwapeng,” Rre Tlhabano a tlhalosa.

A re se se dira gore fa a batla go rekisa kgomo go nne motlhofo ka a sa diiwe ke go tsaya leeto a ya go kopa dithuso kwa diofising.

Gape a re mo nakong e e fetileng, go ne go dirisiwa bolus mme gompieno go dirisiwa manyena a a mo thusang go itse palo ya leruo la gagwe.

A re gape mo maranyaneng a enthanete, go na le moalo o o supang fa ikwadiso e rurufaditswe kgotsa e emetse go rurifadiwa kana e sa atlega.

Gape a re fa a rekisitse kgomo kana a e abetse mongwe go a supa, mme seo se dire gore a nne le motlhala wa leruo la gagwe.

A re le fa madi e le kgwetlho gape barui ba le bantsi ba sa ithutela tsa maranyane o ba rotloetsa go dirisa lenaneo le, mme e bile go na le metlobo ya dibuka, kwa ba ka dirisang enthaneteng teng gore thuo e tokafale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2017