Breaking News

Morafe wa Makwate o lela ka metsi a a letswai

11 Jun 2017

Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba ngongoregile ka metsi a a letswai.

Ba tlhalositse fa metsi a motse wa bone a le thata e bile a leswafatsa meno, mme ba botsa lebaka la go bo koporase ya metsi e sa tlhatswe metsi ka go lebega a sa siamela botsogo.

Banni ba ntshitse matshwenyego a kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la merero ya kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Itumeleng Moipisi kwa motseng oo bosheng.

Kgosi Motswaudi Motswaudi wa Makwate a re seemo sa metsi se a tshwenya ka e bile ba kgona go nna malatsi ba sena metsi.

A re seemo sa letlhoko la metsi se a ba ngongorisa ka e bile fa motse wa bone o leng teng, go na le metsi a mantsi ka fa tlase.

Kgosi Motswaudi a re gantsi fa ba ikuela ka letlhoko la metsi, ba arajwa ka gore ga go na didirisiwa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo, Rre Security Mokhubami a re go kgaotswe dipompo tsa setshaba tse di ntseng di ba nosa.

Rre Mokhubami a re se se baka gore banni bangwe ba tsamae dikhilomithara di ka nna pedi go ya go ga metsi.

Ka jalo, o ne a kopa gore dipompo di gokelelwe gaufi le metse ya batho ba ba sa kgoneng go gokela dipompo mo malwapeng.

O ne a tlhalosa gape gore e rile fa go sena go tswalwa dipompo go simololwa tsa dikarata, ga kgaolwa tshotlhe mme ga tlogelwa motobetso o le mongwefela mo motseng mme o sa lekane banni.

Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa e rile ngwaga o simolala ba ikopela go dira ditiro dingwe ka lenaneno la Ipelegeng mme ba seka ba di fiwa ba neelwa fela tsa go kgaola ditlhare.

A re seemo se ga se a ba itumedisa ka jaana le palo e e thapiwang e le kwa tlase mme motse o na le banni ba le bantsi.

O ne a ngongorega gape ka tsela ya Dibete/Machaneng a re go sa le go twe e tshelwa sekontere, nako kgolo e le eno.

Rre Moipisi o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le itebagantse le go abela Batswana lefatshe, metsi gammogo le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe.

A re maitlamo a bone ke go bona gore Motswana mongwe le mongwe o fiwa metsi a a phepa ka dinako tshotlhe.

O supile fa puso e ne ya adima P1.5 billion go bona gore Batswana ba bona metsi.

A re puso gape e ne ya bona go le mosola go phimola P20 yo o neng a lopiwa mongwe le mongwe yo o goketseng pompo mo lapeng mme a lopiwe madi a tiroso ya metsi fela.

Rre Moipisi a re puso e tsere tshwetso ya go busetsa metsi a a dirisitsweng mo tirisong, a tlatsa ka g ore metsi a, a kgona go dirisiwa go nosetsa dijalo le go nowa fa a tlhatsitswe sentle.

Fa a bua ka lefatshe, Rre Moipisi o ne a tlhalosetsa banni gore lephata la kabo ditsha le sa le le emisitse go aba ditsha tsa bonno mo Makwate ngwagatlola mme a ba solofetsa gore e tlaa re ngwaga ono o ya fifing ba simolole go abela baikopedi ditsha.

A re se, se bakilwe ke letlhoko la lefatshe mo lefatsheng ka bophara.

A re mo motseng wa bone, ba bone dikidinyana tsa lefatshe tse ba ka kgonang go di abela ba ba kopileng.

O ne a gakolola banni go ya go kwadisa ditsha tsa bone gore di rurifadiwe mekono go hema dikgang tsa go lwela malwapa gammogo le go fokotsa bomaipaafela.

Rre Moipisi o ne a lekodisa banni gape gore lekgotla la kabo ditsha le tshwenngwa ke dikoloto tse gantsi di dirwang ke beng ba ditsha tsa dikgwebo, a re ga ba duelele ditsha tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : MAKWATE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Jun 2017