Mapodisi a tshwenngwa ke mokgwa wa go ikgapela botshelo
11 Jun 2017
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa kgotla ya Ikageng mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o fitlhetswe a akgega mo ditlhometsong tsa ntlo ya gagwe.
Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Superintendent Kitsiso Lemogang, ba begetswe tiragalo eo ka Laboraro ka nako ya lesome maitseboa.
Assistant Supurintendent Lemogang o boletse fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa lwapeng lwa monna yoo mme ba feta ba mo isa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.
Rre Lemogang o supile fa moswi a ne a dirisitse mogala go ikgapela botshelo le gore o ne a tlogetse molaetsa.
Mothusa mookamela mapodisi o kaile fa serepa se le mo setsidifatsing sa sepetele sa Tsabong mme ba setse ba reboletse ba masika go ka se boloka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
O boletse fa tiragalo eo e le ya ntlha mo ngwageng ono mme mo dingwageng tse di fetileng di ne di le mmalwa, selo se a reng se a tshwenya ka e le kutlobotlhoko le bohutsana, bogolo jang fa e bile yo o tlhokafetseng a tlogela bana.
Assistant Supurintendent Lemogang o tlhomamisiste fa moswi a ne a bereka mo lephateng la ditsela teng mo Tsabong e bile a tlholega mo Tsabong.
Mo mafokong a gagwe a kgakololo, Assistant Supurintendent Lemogang o gakolotse borre, bogolo jang ba banana go kopa dithuso tse di ka ba sidilang maikutlo mo go ba ba lebaneng ba tshwana le ba boipelego, mapodisi, baruti, dikgosi,batsadi le ditsala tsa bone go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2017






