Breaking News

Mokgatlho o akgolelwa mowa o montle

11 Jun 2017

Mothusa Molaodi wa khansele potlana ya Serowe, Mme Peggy Molefe o akgoletse maloko a mokgatlho wa badirelapuso ba Mmashoro mowa wa tshwaragano le kutlwelobotlhoko.

Mokgatlho oo o ne o abela Mme Dikokola Tshwarakgole terata ya lolwapa le dimpho tse dingwe kwa Mmashoro bosheng.

“Re tshwanetse go nna le lorato le kutlwelobotlhoko mo go ba re tshelang nabo, ka ntlha ya gore fa lorato lo leng teng, go nna le tlotlo le boineelo,” a tlhalosa.

O supile gore fa motho a rata yo mongwe, ke gone a ka bonang botlhoki, mme a tsae boikarabelo jwa go bona gore o ka dira eng go thusa.

“Ka ntlha ya lorato lo, mokgatlho o bone go le botlhokwa gore mme yo, a babalesege mo bodulong jwa gagwe, ka jalo ba mo tsenyetsa terata,” Mme Molefe a tlhalosa.

Mothusa molaodi wa ditlhabololo o ne a lebogela badirelapuso go bo ba tshwaragane, ba diragatsa maikaelelo a ga Tautona, a pitso ya go agela batlhoki, a re seo se supa kgatelopele mo bodireding.

Fa a amogela baeng, Kgosi wa Mmashoro, Kgosi Opelo Disang o akgoletse maloko a mokgatlho oo go bo ba bone go le botlhokwa go thusa morafe wa Mmashoro le ntswa e se bana ba motse oo.

“Ke tlhaloganya fa lefatshe ka bophara le tlhasetswe ke kwelo tlase ya itsholelo, le dikgwetlho tsa madi tse le leng mo go tsone. Mme ke leboga gore le bo le bone go tshwanela gore le dirise madi a bana ba lona go thusa yo mongwe. Go sego letsogo le le abang, go na le le  le amogelang,” a tlhalosa.

Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Entetse Boitswarelo o supile fa go na le popagano gareng ga morafe wa Mmashoro le babereki ba puso.

A re badirelapuso ba tshwanetse go tsaya karolo mo dikgwetlhong tse di lebaneng motse ka e le bagakolodi ba setshaba.

“Ke maiteko a magolo go bona batho ba bolaisa bana ba bone tlala ka ntlha ya go batla go thusa morafe,” a akgela.

Rre Boitshwarelo o ngongoregetse go bo bana ba lolwapa ba ne ba se yo kwa tirong eo.

O kgothaditse bana ba ba direlang kwa ntle ga metse ya bone gore ba seka ba lebala kwa morago.

Mme Tshwarakgole o ne a kganya ka boitumelo, mme a eleletsa maloko a mokgatlho wa badirelapuso tshireletsego go bo ba mo thologile mokgosi.

Mokgatlho o, o simolotse go thusa Mme Tshwarakgole ka go mo tlhokomelela lolwapa, ba mo tlhagolela mme ba tsaya tshwetso ya go mo tsenyetsa terata ka 2014.

Ba ne gape ba mo abela dikobo tse pedi le dipitsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MMASHORO

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 11 Jun 2017