Koporasi ya Kaudwane e tsweletse sentle
08 Jun 2017
E re ntswa puso e rotloeditse dikoporase go ikemela ka dinao go tswelela di tshegeditse itsholelo ya metse ya tsone, dingwe di santse di saletse kwa morago fa tse dingwe go setse matlotla fela.
Le fa go ntse jalo, tse dingwe di gatetse pele. Koporase ya Kaudwane ke nngwe ya tse di santseng di tshegeditse itsholelo ya motse oo, ka e tsweletse sentle. Koposare eo, e rekisa dijo, dilwana tsa kago gammogo le dijo tsa leruo.
E rile modulasetilo wa koporasi eo, Mme Mmaoshale Obotseng a bua mo potsolotsong le BOPA, a re koporasi eo e agilwe ke khansele ka 2005 mme ya e rola semmuso ka 2010 gore e nne ka fa tlase ga tsamaiso ya morafe.
Mme Obotseng a re nako ya koporase e bulwa e ne e na le babereki ba le bararo ka e ne e rekisa dijo fela, mme ya re dingwaga di ntse di tsamaya bo e oketsa ka dijo tsa leruo gammogo le dilwana tsa kago.
A re koporase eo e tsweletse sentle ka e ne ya thapa bana ba motse ba le batlhano go tlatsa ba bararo ba ba ntseng ba le teng.
A re o motlotlo ka maiteko a bone a go thusa setshaba le go tlhama mebereko ka e bile mongwe wa ba ba hirilweng e le mo-na-le bogole.
Mme Obotseng a re ntswa koporase eo e tsweletse sentle ba na le dikgwetlho tse di tlang di ba busetsa kwa morago.
A re nngwe ya dikgwetlho ke gore setsha sa bone se sennye gape se bapile thata le sekole se sebotlana sa Kaudwane, ka jalo ga go motlhofo gore ba ka e oketsa ka go tsenya mafelo a itloso bodutu jaaka marekisetso a bojalwa.
A re kgwetlho e nngwe ke gore banana ba ba hirwang ba tlogela tiro kgapetsakgapetsa, bogolo jang fa ba sena go amogela mme morago ba batle go boela tirong.
A re ba bangwe ba tlogela tiro fela ka mabaka a a sa itsiweng.
O boletse gore kgwetlho e nngwe ke gore banni ba motse ga ba tlhaloganye gore koporase e tsamaisiwa jang, ka jalo ba rata go gogagogana le maloko a a tsamaisang koporase eo.
A re seo se dira gore ba seka ba tsamaisa koporase sentle ka dinako tse dingwe ba tlola melao ya tsamaiso ka go diragatsa se morafe o se lopang.
Le fa go ntse jalo, Mme Obotseng a re keletso ya bone ke go oketsa koporase eo ka go tsenya marekisetso a bojalwa ka a re ga go na mabentlele a a rekisang bojalwa mme go apewa majalwa a a seng ka fa molaong.
O weditse ka go kopa khansele gore e ba fe tiro ya go phakisa dijo tsa batlhoki le bana ba masiela.
A re go phakwa kgakala kwa Dutlwe mme seo se dira gore banni ba motse ba tsamae sekgala se seleele ntswa go na le marekisetso a koporase mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : KAUDWANE
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2017






