Ditlhabololo di saletse kwa morago-Kgosi Bampusi
08 Jun 2017
Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun a re ga a jesiwe diwelang ke ditlhabololo tse di saletseng morago mo kgotleng ya gagwe.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi a supa fa ditsela tse di mo kgotleng ya gagwe di le mo seemong se se ngomolang pelo, bogolo jang fa dipula di tshologile.
Kgosi o tlhalositse fa kgotla ya gagwe e agilwe mo lotshitshing lwa noka ya Thakamalane, ka jalo metsi otlhe a pula a a elelang a tswa bophirima jwa motse a ralala kgotla ya gagwe go kgokologela mo nokeng.
A re ga go na dikholobete tse di lekaneng tse di fetisetsang metsi ao kwa nokeng mme a felele a tlala mo malwapeng a batho fa dipula di na ka mashetla.
“Fa pula e nele thata dikoloi tse dinnye di tshwana le mebotorokara ga di kgone go ralala metsi a, mme go kgone go feta dikoloi tse ditona fela, ka jalo mesepele ya batho bao le ditiro tsa bone di a ema,” ga bua Kgosi Bampusi.
E re ka kgotla ya gagwe e bapile le marekisetso, o tlhalositse fa banni ba kgotla ya gagwe ba tshwenngwa ke dirukutlhi tse di ba emelang mo mekgwatheng bosigo ba ba amoga dithoto ka go bo go sena dipone tsa mekgwatha mme dilalome tseo di iphitlhe mo lefifing.
O tlhalositse fa go sena ka fa go ka tsenngwang dipone tsa mekgwatha mo ditseleng tsa kgotla ya gagwe ditsela di ise di tshelwe sekontere.
Kgosi Bampusi o ne a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka seke e kgone go leka go dira dikholobete tse di ka thusang go fetisa metsi a pula, pele ga ditsela di ka tshelwa sekontere ka go dira jalo e tlaa bo e le ditshenyegelo ka di tlaa ntshiwa fa ditsela di tshelwa sekontere.
O ne a tlhalosa gape fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo kgotleng ya gagwe mme seo se ame dikgwebo le madirelo.
“Bangwe ba felela ba anwa metsi a a tswang mo nokeng mme go bee matshelo a bone mo diphatseng,” ga bua Kgosi Bampusi.
O ne a ikuela mo khanseleng ya Bokone Bophirima go tsibogela matshwenyego a kgotla ya gagwe ka bofefo mo lenaneong la madi a dikgaolo a P10 million. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2017






