Breaking News

Mapodisi ba tshegeditse ba belaelwa

08 Jun 2017

Motshwarelela mookamela mapodisi a Lobatse, Assistant Superintandant  Benedict Matlho a re ba tshegeditse babelaelwa  mabapi le loso lwa monna mongwe.

Assistant Superintendent Matlho  o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a re e ne ya re Seetebosigo a tlhola ga mararo makuku  ba begelwa ka monna mongwe yo o neng a tlhabilwe ka sengwe se se bogale, yo a neng a palelwa ke go tsamaya mme go ne go supa  a ne a leka go sia.

A re monna yo wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe  yo o nnang kwa Newstance gone mo Lobatse go bolelwa a ne a tsenelela  rre mongwe le mme mongwe kwa ntlong ya bone ba robetse  kwa Peleng, mo ba neng ba mo gobatsa.

O feletseng a tlhokafala kwa kokelong ba bongaka ba ntse ba leka go mo tlamela.

Assistant Superintendant Matlho a re moswi o  dingwaga tse di masome  mabedi le boferabongwe fa babelaelwa bone ba le dingwaga tse di masome mararo  le bobedi le masome a mararo le bongwe, ba e leng baratani, a  re ba santse ba tshegeditswe ke mapodisi fa ditlhotlhomiso di di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Pego ya mapodise

Date : 08 Jun 2017