Breaking News

Go leboga Modimo go botlhokwa - Kgosi

08 Jun 2017

Kgosi Gillard Letsholathebe wa Letsholathebe  o rotloeditse Batswana go leboga Modimo ka dinako tsotlhe.

E rile a bua kwa thapelong ya go leboga matsorotsoro a dipula tse di neng tsa gosomana mo dikgweding tse di fetileng, Kgosi Letsholathebe a re bontsi jwa balemi ba tlaa kgona go ora molelo wa mariga fa go gatang thato ya Modimo teng ka a ne a ba nesetsa dipula go tshegetsa le go nonotsha dijalo tsa bone.  

O tladitse ka go re le mo merakeng leruo le a phatsima, mafulo a matalana, a supa gore fa e ne e se ka thato ya Modimo go ka bo go ne go setlhafetse go setse selelo sa khuranyo ya meno le tlala.

Kgosi Letsholathebe o tsweletse ka go re go a itumedisa go bona morafe wa gagwe le one o leboga Modimo mo go tsotlhe tse a ba di direlang, a tlatsa ka go re ke sone Setswana tota.

O rotloeditswe Batswana gape go rapelela mowa wa kutlwano magareng ga bone, tirisano mmogo le malwetse.

A re lentswa mokgosi wa letsatsi la thapelo o ne wa kuelwa mo setshabeng sa motse wa Letsholathebe, ga a jesiwe di welang ke bao ba ba santseng ba saletse kwa morago ba sa atle dipitso tsa kgosi lentswa le bone ba bone thobo e e nametsang ka lerato la Modimo.

Go ya ka moruti wa kereke ya Head Mountain Apostolic Church in Zion kwa Letsholathebe, Mme Pelontle Mokgethi, o rotloeditse morafe wa motse oo go nna ba isa dipako kwa

Modimong ka dinako tsotlhe.E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya baruti, Rre Gilbert Mangisi, o tlhalositse fa dithapelo tseo di tshwerwe nako e setse e ile ka ba ne ba kgoreletswa ke diphuthego le tse dingwe gammogo le ditiro tsa masimo.

Tebogo e e tla morago ga dithapelo tsa dipula tse di neng di tshwerwe ka Lwetse ngogola, mme e bile ba tlhalositse fa ba tlaa boa gape go rapelela dipula ka Lwetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Letsholathebe

Event : Thapelo ya go leboga dipula

Date : 08 Jun 2017