Mokhanselara o lela ka ditsela
08 Jun 2017
Mokhanselara wa Oodi, Rre Batlhalefang Ramosesane a re ditsela tsa motse wa gagwe ga di jese di welang ka di baya matshelo a batho mo diphatseng.
A re fa e sale a simolola go nna mokhanselara ka 2014, ditsela tsa mo motseng ga di ise di baakanngwe le ntswa a tsere matsapa a go bua le ba ba maleba go thusa ka seemo seo.
Rre Ramosesane a re seemo sa ditsela se bifetse pele morago ga dipula tse di mashetla tsa ga Dineo.
A re mme le pele ga moo seemo se ne se ntse se le maswe mme o kopa lephata la ditsela la khansele go thusa go tshela lekgarapana gore ditsela di lebege.
Le ntswa a re khansele e kile ya tla go thusa mo motseng, ga e a dira go lekane go tlhabolola ditsela tseo ka seemo sa tsone se sa fetoga.
Rre Ramosesane a re o ne a lebisa ba lephata la ditsela mo khanseleng seemo sa gagwe mme ba supa fa ba se na tetla ya go tsaya mmu oo, go o dirisa go mo thusa.
A re ka jalo selelo sa gagwe ga se ise se arajwe mme morafe wa Oodi o ya go tswelela o sokola ka ditsela gammogo le tse di tswelang kwa masimong.
Mokhanselara a re ga a robadiwe ke ditsela tsa kgalapitse le Nkudila tse di yang masimo ka ke gone kwa Batswana ba dirang botshelo teng mme le batho ba dirisa ditsela tseo go rwala thobo ya bone.
A re ka ngwaga wa madi wa 2016/17 ba ne ba tshwanetse gore ba thusiwe ka go tshela mmu mme seo ga se ise se diragale.
Rre Ramosesane a re mo lenaneong la gompieno la khansele ga go na sepe se ba se filweng le ntswa nako e e fetileng ba sa thusiwa ka sepe.
A re ba na le botlhoki jo botona jwa motshelakgabo go tswa kwa Ramokobetwane go ya kwa masimo a Nkudilla.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go dirisana sentle gore morafe gore o seka wa akanya gore ga ba na kemedi kwa khanseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2017






