Tshingwana ya ba-na-le bogole e ntsha maduo
08 Jun 2017
Modulasetilo wa komiti ya ba-na-le bogole mo Mogobane, Rre Ben Letshwiti o supile fa temo ya merogo mo tshingwaneng ya ba-na-le bogole kwa motseng oo e ntsha maduo.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Letshwiti o kaile fa temo ya merogo mo tshingwaneng e, e tswela ba-na-le bogole mosola ka jaana e ba fa lesedi ka tlhokomelo le thekiso ya merogo.
Rre Letshwiti a re pereko ya ba-na-le bogole mo tshingwaneng e, e tsisa pharologanyo mo matshelong a bone ka gore ga ba sa tlhole ba kaila mo mekgwatheng go sena se ba se dirang e bile e ba fa seriti gammogo le dikitso.
Modulasetilo o kaile fa ba setse ba thapile ba-na-le bogole ba supa go bereka mo tshingwaneng e ka lenaneo la Tirelo Setshaba.
Modulasetilo o kaile fa mokgatlho o o itebagantse le ba-na-le bogole ka go farologana, mme ka ntlha ya go tlhoka sepalamo se se ba tsayang kwa malapeng le go ba busa, ba banngwe ba felela ba tlogela ka lebaka la bokgakala.
“Re eletsa go ka bo go na le koloi e e ba phakedisang go tswa kwa malapeng ka gore motse wa rona o phatlaletse thata mo go felelang go itsapisa ba ba kwa mafelong a tshwana le Borotsi kana Mojadife go tla kwano,” a tshwaela.
Go ya ka Rre Letshwiti, temo le thekiso ya bone ya ntlha ya ditamati e tsamaile sentle ka ba ne ba bona dipoelo tse di nametsang, mme mo bogompienong ba setse ba rekisa spinach.
Modulasetilo a re dikgwedi tse pedi tse di fetileng tshingwana e ne ya angwa ke seboko se se neng se eja dijalo, mo go neng ga pateletsa gore ba lemolole merogo e ba neng ba e lemile.
O tlhalositse fa e ne e le la ntlha ba kopana le tiragalo ya go nna jalo, mme go ne ga seka ga ba kgoba marapo, le fa go ne ga ba busetsa morago.
Rre Letshwiti a re keletso ke gore ba-na-le bogole botlhe mo motseng ba tsee karolo le go atolosa tshingwana ka go rua dikoko le ditlhapi.
A re keletso e e ka diragala fela fa setshaba se ka simolola go tsaya tsia maiteko a ba-na-le bogole go thusa puso.
Modulasetilo o tlhalositse fa ba santse ba tlhoka thotloetso e e tseneletseng mo setshabeng ka jaana ba santse ba tlhaelelwa ke didirisiwa di le mmalwa go ka tsamaisa ditiro tsa malatsi otlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Galaletsang Letshoo
Location : Mogobane
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2017






