Breaking News

Maele o akgola Re a Nyalana

06 Jun 2017

Lenyalo le rotloetsa boikarabelo mo setshabeng.

Tona wa lephata la kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo ya metsi a a leswe, Rre Prince Maele o buile jaana kwa Shoshong ka Labotlhano kwa mokgatlho wa Re a Nyalana o neng o nyadisa ba le masome matlhano le bobedi.

O tlhalositse fa lenyalo le efa seriti, le aga setshaba e bile le ka tsisa tse di ka bolokang.

A re lenyalo ke lengwe la ditsamaiso tse di tlhomilweng ke Modimo, ka e bile le kwadilwe le mo Baebeleng, e bile e le rotloetsa.

Rre Maele a re go nna le lelwapa go rotloetsa gore banyalani ba seka ba amogwa tse ba di kgobokantseng ba le mmogo fa mongwe wa bone a ka tlhokafala.

O tlhalositse fa bangwe ba itlwaeditse mokgwa wa go amoga batho di-tsa bone fa mongwe a tlhokafala le ba itse gore ba ne ba nna mmogo.

Tona a re se ga se a siama, ka jalo Re a Nyalana e thusa thata mo dikgannyeng tsa go nna jalo ka banyalani ba fiwa ditlakana tse di ka fa molaong tsa nyalo.

Rre Maele a re fa e sale lenaneo le le simologa ka 2012 go kopantswe Batswana ba le dikete di le tharo, makgolo a le borobabobedi le masome a mararo mme e bile kwa kgaolong ya gagwe go kopantswe ba feta makgolo a marataro.

A re lenaneo le, le siame thata mme a rotloetsa Batswanaba ba ba sa kgoneng tse di batlwang mo nyalong go inaakanya le lone gore le bone ba nne le ditlankana tsa nyalo.

O ne a leboga barulaganyi ba lenaneo le, a re e sale le simolola ga go na bape ba bakopantsweng ka lone ba ba kileng ba kgaogana.

Rre Maele o gakolotse banyalani gore lenyalo lengwe le lengwe le na le tsamaiso ya lone, e bile e le la batho ba le babedi.

A re ba seka ba kopa mo go ba bangwe mme ba tshele matshelo a bone, ba itirele monate gore lenyalo la bone le ba itumedise.

O ne a ba kgothatsa gore go rerisana le go tlotlana mo lenyalong ke konokono.

A re fa puisano le morero di le teng mo lenaylong sengwe le sengwe se tsamaya a thelelo.

Tona o rotloeditse masika a banyalani go iphapha mo go tseneleleng dikgang tsa malwapa a banyalani ka ba ka a thuba.

Mogolaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana, Mme Anna Morwaagole o tlhalositse fa le fetotse matshelo a Batswana ka bontsi mme e bile le le molemo.

Mme Morwaagole a re mokgatlho o, o simologile ka ditekeletso ka 2010, mme e rile ka 2012 ya nna mokgatlho fela o o kwadisitsweng ka fa molaong e bile o na le setlankana.

A re lenaneo le, le nyeletsa lehuma la maikutlo a go aga lelwapa gammogo le go fa setshaba seriti ka le fokotsa dikgang mo magosing, balaodi gammogo le dikgotla tsa ditsheko go sekwa dithoto.

O ne a tlhalosa gore nako le nako fa ba nyadisa ba direla banyalani dithuto-pusianyo gore ba itse gore ba tsena mo go eng, le gore ba batla go tsena mo diyalong tsa mofuta ofe.

A re se, se thusa banyalani go itse se ba tsenang mo go sone, go itsa dikgang tsa ditlhalo.

A re dikgang tsa ditlhalo gantsi di dirwa ke go bo banyalani ba sa itse gore ba nyalanela eng, ka jalo go nne le dikgotlhang.

O ne a tlhalosa fa dipatlisiso di supa fa mo ngwageng ono go simologa ka Hirikgong go tsena Motsheganong go nnile le dikgang tse di tsamaelang kwa tlhalanong di le masome mane le borataro mo lekgolong mo lefatsheng leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SHOSHONG

Event : Re A Nyalana

Date : 06 Jun 2017