Nnang le bokao - Morwaeng
06 Jun 2017
Mookamedi wa lekgotla la Good Samaritan, Rre Kabo Morwaeng a re o solofela fa lekgotla la Dingwetsi le tlaa kgona maikaelelo a go aga malwapa go thusa go fokotsa dipalo tsa dikgang tsa ditlhalano.
E rile a bula bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la bomme la Dingwetsi kwa Mmanoko ka Matlhatso, Rre Morwaeng a re setshaba se tshwenyegile thata ka go thubega ga malwapa go rotloetswa ke gore malwapa ga a na motheo.
“A re seka ra bo re le teng fela, mme re nne le maikaelelo a se re se eletsang, sengwe sa tsone e le go fokotsa ditlhalano le go bona gore dingwetsi di na le bokao mo tsamaisong ya malwapa a tsone,” ga gakolola Rre Morwaeng.
A re o solofela fa go tlhongwa ga lekgotla la Dingwetsi go dirilwe ka maikalelo a go kgona sengwe, se e ka nnang kago ya malwapa go akarediwa le kgodiso ya ngwana, a tlhalosa fa malwapa a a senang motheo a ka seke a kgone go aga bana ba ba ka lereng tsholofelo.
Mookamedi wa lekgotla la Dingwetsi, Rre Barulanye Mogotsi a re malwapa a na le seabe se segolo mo go ageng setshaba, ka jalo a rotloetsa gore tsamaiso ya Dingwetsi e nne le maikaeleo a motia go thusa go bopa tshaba ya boikarabelo jo bo eletsegang.
Rre Mogotsi a re morero, neelano le tlotlano di botlhokwa go tiisa tsamaiso le kago ya malwapa.
O gateletse botlhokwa jwa go thusa go godisa dipalo ka go ngoka maloko ka batho ba ka supang maitlamo a go itse fa lelwapa e le motheo wa setshaba.
Mokwaledi mo ofising ya mopalamenete, Mme Merapelo Letebele o gakolotse ka botlhokwa jwa go tlhomamisa thuto go na le go itebaganya fela le mme yo o setseng a tsene mo lenyalong, a supa fa go lemosegile gore thulaganyo ya mokgatlho wa Dingwetsi e itebagantseng le mme yo a tseneng mo lenyalong go na le go ruta mme go ipaakanya go sale gale.
“A re tlhomamiseng gore batho ba tsena mo lenyalong ka kitso ya se se solofelwang mo go bone go thusanya le botsadi gore maitsetsepelo e seka ya nna a go laya fela mme go nne le thuto e e tseneletseng go sa le pele go thusa go aga malwapa a a nang le motheo.
Lekgotla la Dingwetse le simolotse go dira ngwaga o o fetileng morago ga go simolodiswa semmuso kwa motseng wa Mmanoko ka maikaelelo a go thusa go rotloetsa kago ya malwapa a a anang le motheo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MMANOKO
Event : Bokopano jwa dingwetsi
Date : 06 Jun 2017






