Breaking News

Boitseme bo dia mananeo a nyeletso lehuma

06 Jun 2017

Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa a re go tlhoka go dira mo go kgatlhisang ga mangwe mananeo a nyeletso lehuma go bakwa ke boitseme jwa ba ba filweng mananeo ao.

O buile jalo mo potsolotsong a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona mangwe mananeo a a nang le bokgoni jwa go ka tokafatsa matshelo  a sa dire sentle e bile a mangwe a phutlhame.

A re seo ke sengwe se se tswelelang se diga boleng le maikaelelo a mananeo a,  a tlholosa gore go tlhoka go dira sentle ga mananeo go baka ditshenyegelo ka jaana beng ba mananeo a, ba boa gape ba ikaega mo pusong.

Kgosi Masisi o supile gape fa a sa jesiwe diwelang ke go bona bangwe ba ithetse moriti o tsididi go ka rarabolola dikgwetlho tse di tlhagogang tebang le dikgwebo tsa bone.

A re bangwe ba tsere tshwetso ya gore dipe dikgwetlho tse di tlhagogang le ntswa e se tsa sepe, puso e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go di rarabolola.

Kgosi Masisi o supile fa a se kgatlhanong le gore beng ba dikgwebo ba ka itsese maphata a puso a a maleba ka dipe dikgwetlho tebang le mananeo a ba ikopetseng.

Fela a re ka nako tse dingwe go ka nna molemo go sekaseka bokete jwa dikgwetlho tse ba bo ba leke maano a go di rarabolola.

Kgosi Masisi o file sekai ka mangwe mapako a ditshingwana tsa merogo a a tshabelelwang ke go babalelwa ke motlhwa mme seo se bake gore moriti o phutlhame.

A re kgwetlho eo ga se sepe se se ka nnang dingalo go ka rarabololwa ke beng ba mananeo go na le go leta thuso go tswa mo maphateng a puso.

Kgosi  o gateletse gore baikopedi ba kope mananeo a ba tlaa nnang le bokgoni jwa go a tlhokomela.

O bile a tshwaela fa one mananeo a e le mongwe motswedi o o nitameng go ka tswelela o ogola malapa a le mantsi mo isong.

A re ba ba a tsereng ka tlhoafalo ba na le motlhala o o bonalang, seo e le one maduo a mananeo a ka go farologana.

Kgosi Masisi o tlhalositse fa maikaelelo a mananeo e se go baya ba ba amegang mo pontsheng, fela a re ke go sireletsa seriti sa bone le go ba tlhagolela tsela e e ka ba inolang mo manokonokong a lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : MABESEKWA

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2017